Johane 10 - Setswana 1970Lesaka la dinku 1 “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o sa tseneng ka kgoro ya lesaka la dinku, mme a tlolela go sele, ke legodu le senokwane. 2 Mme yo o tsenang ka kgoro ke modisa wa dinku. 3 Modisa wa kgoro o a mmulela, dinku di utlwa lentswe la gagwe, o bitsa dinku tse e leng tsa gagwe ka maina, a di bolotse. 4 Fa a sena go bolotsa dinku tsotlhe tse e leng tsa gagwe, a di etelele pele, dinku di mo sale morago; gonne di itse lentswe la gagwe. 5 Moeng ga di ka ke tsa mo sala morago, mme di tla mo tshaba, ka di sa itse mantswe a baeng.” 6 Jesu a bua nabo ka setshwantsho seo; mme bone ba se ka ba tlhaloganya gore ke eng se a se buang nabo. Jesu ke kgoro ya lesaka le modisa 7 Foo Jesu a bua gape nabo a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Ke nna kgoro ya dinku. 8 Botlhe ba ba tlileng pele ga me ke magodu le dinokwane, mme dinku ga di a ka tsa ba utlwa. 9 Ke nna kgoro. Fa mongwe a tsena ka nna, o tla pholosiwa; o tla tsena, a tswa, e bile o tla bona mafulo. 10 Legodu le tla fela go utswa le go bolaya le go senya. Nna ke tsile gore di baane le bophelo, di be di nne le letlotlo. 11 “Ke nna modisa yo o molemo; modisa yo o molemo o beela dinku bophelo jwa gagwe. 12 Yo e leng morapiwa, e se modisa, yo dinku e seng tsa gagwe, fa a bona phiri e tla, o tlogela dinku, a tshabe, phiri e di tshware, e di falatse. 13 Yo o rapilweng o a tshaba, ka e le morapiwa, mme a sa kgathalele dinku. 14 Ke nna modisa yo o molemo; ke itse tsa me, e bile ke itsiwe ke tsa me, 15 jaaka Rara a nkitse, le nna ke itse Rara; ke bile ke beela dinku bophelo jwa me. 16 Ke na le dinku di sele, tse e seng tsa lesaka le; le tsona ke tshwanetse go di tsisa; di tla utlwa lentswe la me, mme e tla nna letsomane le le lengwe fela le modisa a le mongwe fela. 17 “E re ka nna ke neela botshelo jwa me gore ke be ke bo tsee gape, ke ka moo Rara a nthatang. 18 Ga go ope yo o ka bo nkamogang, ke nna ke bo neelang ka bogame. Ke na le thata go bo neela, ke bile ke na le thata go bo tsaya gape. Taolo e ke e amogetse mo go Rre.” 19 Phapaano ya nna teng gape mo gare ga Bajuta ka ntlha ya mafoko ao. 20 Ba bantsi ba bone ba re: “O na le modemone, o tlhakanye tlhogo; lo mo reeletsang?” 21 Ba bangwe ba re: “Mafoko a ga se a motho yo o nang le modemone. A modemone o ka kgona go foufolola matlho a difofu?” Jesu ke Morwa Modimo 22 Jaanong ga bo go le moletlo wa Ntšhwafatso ya Tempele mo Jerusalema, go le mariga. 23 Jesu a tsamaya mo lapeng la Tempele, mo leobong la ga Salomo. 24 Foo Bajuta ba mo dikanyetsa, ba mo raya ba re: “O tla belaetsa mewa ya rona goleele go le kae? Fa o le Keresete, re bolelele ka thanolo.” 25 Jesu a ba fetola a re: “Ke lo boleletse, mme lona ga lo dumele. Ditiro tse ke di dirang mo leineng la ga Rre ke tsona tse di supang ka ga me. 26 Mme lona ga lo dumele, ka gonne ga lo dinku tsa me, jaaka ke lo boleletse. 27 Dinku tsa me di utlwa lentswe la me, ke a di itse, mme di ntshala morago. 28 Ke di naya bophelo jo bo sa khutleng. Ga di ka ke tsa latlhega, le fa e le ka motlha ope; le gona ga go ope yo o ka di phamolang mo seatleng sa me. 29 Rre yo o di nneileng o mogolo go botlhe, mme ga go ope yo o ka di phamolang mo seatleng sa ga Rre. Bongwefela jwa ga Jesu le Modimo 30 “Nna le Rara re bongwefela.” 31 Jaanong Bajuta ba sela majwe gape gore ba mo kgobotletse. 32 Jesu a ba fetola a re: “Ke lo bontshitse ditiro tse di molemo di le dintsi tse di tswang go Rara; lo nkgobotleletsa tiro efe ya tsona?” 33 Bajuta ba mo araba ba re: “Ga re go kgobotleletse tiro e e molemo; mme ke ka ntlha ya kgalo, ka e re ò le motho, ò itshema Modimo.” 34 Jesu a ba araba a re: “A ga go a kwalwa mo molaong wa lona ga twe: ‘Ke rile, lo medimo’? 35 Fa molao o biditse bone medimo ba Lefoko la Modimo le tlileng kwa go bone – mme Lokwalo lo sa ka ke lwa dirololwa – 36 a lo bolela ka ga gagwe yo Rara a mo itshepisitseng, a mo romela mo lefatsheng, lo re: ‘O a kgala,’ ka ke buile ka re: ‘Ke Morwa Modimo’? 37 Fa ke sa dire ditiro tsa ga Rre, lo se ka lwa ntumela. 38 Mme fa ke di dira, dumelang ditiro, le fa nna lo sa ntumele, gore lo lemoge le go itse gore Rara o mo go nna, le nna ke mo go Rara.” 39 Ba fela ba batla go mo tshwara, mme a falola mo diatleng tsa bone. 40 A ba a boela kwa moseja ga Joretane, kwa Johane a neng a kolobetsa teng pele, a nna teng. 41 Mme ba bantsi ba tla go ene ba re: “Johane ga a a ka a dira sesupo sepe, mme tsotlhe tse Johane o di buileng ka ga yo, e ne e le tsa nnete.” 42 Teng ba bantsi ba dumela mo go ene. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa