Johane 1 - Setswana 1970Lefoko le ne la nna nama 1 E rile mo tshimologong Lefoko la bo le ntse le le teng; Lefoko le ne le na le Modimo, mme Lefoko e ne e le Modimo. 2 Le ne le na le Modimo mo tshimologong. 3 Dilo tsotlhe di dirilwe ka lone, mme kwa ntle ga lone ga go a dirwa sepe sa tse di dirilweng. 4 Bophelo bo ne bo le mo go lone; mme bophelo e ne e le lesedi la batho. 5 Lesedi le ntse le phatsima mo lefifing mme lefifi ga le a ka la le amogela. 6 Go ne ga tla motho, a romilwe ke Modimo, leina la gagwe e le Johane. 7 Yoo o ne a tla go supa gore a supe ka ga lesedi, gore botlhe ba tle ba dumele ka ene. 8 E ne e se ene lesedi, mme a tla go supa ka ga lesedi. 9 Lesedi la boammaaruri le le bonegelang motho mongwe le mongwe e ne e le ene yo o tlang mo lefatsheng. 10 O ne a le mo lefatsheng, mme lefatshe le dirilwe ka ene; fela lefatshe ga le a ka la mo itse. 11 O ne a tla kwa ga gagwe, mme ba gagwe ba se ka ba mo tshola. 12 Le gale, botlhe ba ba neng ba mo tshola, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong ba ba dumelang mo leineng la gagwe; 13 ke ba ba sa tsalwang ka madi, le e seng ka thato ya nama, le e seng ka thato ya monna, mme ba tsetswe ke Modimo. 14 Lefoko leo la nna nama, la aga mo go rona, ra ba ra bona kgalalelo ya lone, e le kgalalelo e e lebanyeng yo o tsetsweng a le esi, e tswa mo go Rara, a tletse bopelotlhomogi le boammaaruri. 15 Johane o ne a supa ka ga gagwe, a kua a re: “Yo ke ene ke buileng ka ga gagwe ka re: ‘Yo o tlang morago ga me o a mpheta; gonne o ne a le teng, ke ise ke nne teng.’ ” 16 Gonne rona rotlhe re bonye bopelotlhomogi godimo ga bopelothomogi mo botlalong jwa gagwe. 17 Kana molao o neilwe ka Moše, mme bopelotlhomogi le boammaaruri di tsile ka Jesu Keresete. 18 Ga go ope yo o kileng a bona Modimo ka motlha ope; Morwa yo o tsetsweng a le esi, yo o fa sehubeng sa ga Rara, ke ene yo o o boletseng. Tshupo ya ga Johane Mokolobetsi ( Math. 3:1-12 ; Mar. 1:1-8 ; Luka 3:1-18 ) 19 Tshupo ya ga Johane ke e: E rile Bajuta ba roma baperesiti le Balefi go ene, ba tswa Jerusalema go mmotsa gore: “O mang?” 20 A ipolela, a se ka a itatola, a ipolela a re: “Ga ke Keresete.” 21 Ba mmotsa ba re: “Mme o eng? A o Elia?” A re: “Ga ke ene.” “A ke wena moporofeti yole?” A araba a re: “Nnyaya.” 22 Ke fa ba mo raya ba re: “O mang ne? Gore re tle re ba fe karabo ba ba re romileng. O a reng ka ga gago?” 23 A re: “ ‘Ke nna lentswe la mongwe yo o kuang mo sekakeng la re: Siamisang tsela ya Morena!’ ” jaaka Jesaya moporofeti a kile a bua. 24 Ba ba neng ba romilwe e ne e le ba Bafarisai. 25 Jaanong ba mmotsa ba re: “O kolobeletsang, fa o se Keresete, le e seng Elia le e seng moporofeti yole?” 26 Johane a ba araba a re: “Nna ke kolobetsa ka metsi; mme go eme mongwe mo gare ga lona yo lo sa mo lemogeng. 27 Ke ene yo o tlang morago ga me, yo ke sa tshwanelang go funolola kgole ya setlhako sa gagwe.” 28 Dilo tseo di dirafetse kwa Bethania kwa moseja ga Joretane, kwa Johane o neng a le teng, a kolobetsa. Jesu ke Kwana ya Modimo 29 E rile ka letsatsi le le latelang a bona Jesu a tla go ene a re: “Bonang, Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe! 30 Yo ke ene ke buileng ka ga gagwe ka re: ‘Monna o e tla morago ga me, yo o mphetang; gonne o ne a le teng, ke ise ke nne teng.’ 31 Le nna ke ne ke sa mo lemoge, mme ke tlile go kolobetsa ka metsi gore ene a tle a senolelwe Iseraele.” 32 Johane a ba a supa a re: “Ke bonye Mowa o fologa jaaka lephoi, o tswa legodimong, wa nna mo go ene. 33 Le nna ke ne ke sa mo lemoge; mme ene yo o nthomileng go kolobetsa ka metsi a nthaya a re: ‘Ene yo ò tla bonang Mowa o fologela go ene, o nna mo go ene, ke ene yo o kolobetsang ka Mowa o o Boitshepo.’ 34 Ke bonye, ka ba ka supa gore yo ke Morwa Modimo.” Barutwa ba ntlha ba ga Jesu 35 Ya re ka moso Johane a bo a eme gape, a na le barutwa ba gagwe ba le babedi; 36 a leba Jesu a ntse a tsamaya, a ba a re: “Bonang, Kwana ya Modimo!” 37 Barutwa ba babedi bao ba mo utlwa a bua, ba be ba sala Jesu morago. 38 Jesu a retologa, a ba bona ba mo setse morago, a ba raya a re: “Lo batlang?” Ba mo raya ba re: “Rabbi,” (mo phetolelong ke go re: Moruti) “o nna kae?” 39 A ba raya a re: “Tlaang lo bone.” Ba tla, ba bona fa a nnang teng, ba be ba tlhola nae letsatsi leo. Nako e ne e ka nna ya bone thapama. 40 Andrea, morwa-rraagwe Simone Petoro, e ne e le mongwe wa ba babedi ba ba neng ba utlwile Johane, ba mo sala morago. 41 Yo a bona Simone morwa-rraagwe pele, a mo raya a re: “Re bonye Mesia,” mo phetolelong ke go re: Motlodiwa (Keresete). 42 A ba a mo isa go Jesu. Jesu a mo leba a re: “O Simone, morwa Jona; o tla bidiwa Kefa,” mo phetolelong ke go re: Lefika (Petoro). Filipo le Nathanaele 43 Ya re ka moso Jesu a rata go ya kwa Galelea, a bona Filipo, a mo raya a re: “Ntshale morago!” 44 Filipo e ne e le wa kwa Betsaita, motse wa ga gabo Andrea le Petoro. 45 Filipo a bona Nathanaele, a mo raya a re: “Re bonye yo Moše a kwadileng ka ga gagwe mo molaong, le bone baporofeti, e bong Jesu, morwa Josefa wa Nasaretha.” 46 Nathanaele a mo raya a re: “A sengwe se se molemo se ka tswa kwa Nasaretha?” Filipo a mo raya a re: “Tlaa o bone!” 47 Jesu a bona Nathanaele a tla go ene, a bua ka ga gagwe a re: “Bonang, Moiseraele wa nnete yo go se nang boferefere mo go ene!” 48 Nathanaele a mo raya a re: “O nkitse jang?” Jesu a mo araba a re: “Ke go bonye o le fa tlase ga setlhare sa mofeie, Filipo a ise a go bitse.” 49 Nathanaele a mo fetola a re: “Moruti, ke wena Morwa Modimo, ke wena kgosi ya Iseraele.” 50 Jesu a mo fetola a re: “A o dumela ka gonne ke go reile ka re: ‘Ke go bonye fa tlase ga mofeie’? O tla bona dilo tse dikgolo bogolo go tse.” 51 A ba a mo raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Go tloga jaanong lo tla bona legodimo le bulegile, le baengele ba Modimo ba tlhatloga, ba be ba fologela mo go Morwa-Motho.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa