Jakobe 2 - Setswana 1970Go tlhaola batho ga go a siama 1 Ba ga etsho, lo se ka lwa kopanya tumelo ya go dumela mo go Morena wa rona Jesu Keresete wa kgalalelo le go gobelelela batho. 2 Gonne fa mo phuthegong ya lona go ka tsena motho wa dipalamonwana tsa gouta, a apere seaparo se sentle, mme go be go tsena mohumanegi wa seaparo se se maswe, 3 mme fa lo tlhokomela yo o apereng seaparo se sentle lo re: “Wena nna fa bonnong jo bontle,” mme lo raya mohumanegi lo re: “Wena ema foo, gongwe o nne fa fatshe fa sebeong sa me sa dinao,” 4 a foo ga lo a dira pharologanyo mo go lona, lwa nna baatlhodi ba megopolo e e bosula? 5 Reetsang, ba ga etsho ba ba rategang: A Modimo ga o a itlhophela ba e leng bahumanegi mo lefatsheng go nna bahumi mo tumelong le barua-boswa ba puso e o e solofeditseng ba ba o ratang? 6 Mme lona lo tlotlolotse mohumanegi. A ga se bahumi ba ba lo patikang, ba ba lo gogelang kwa makgotleng a tsheko? 7 A ga se bone ba ba kgalang leina le lentle le lo biditsweng ka lone? 8 Kana fa lo dirafatsa tlhogo ya molao ka fa Lokwalong e e reng: “Rata mongwe-ka-wena jaaka o ithata,” lo tla bo lo dira sentle. 9 Mme fa lo gobelelela batho, lo dira boleo, lo supediwa ke molao gore lo batlodi. 10 Gonne le fa motho a ka tshegetsa molao otlhe, mme a tlola taolo e le nngwe fela, o molato mo go ona otlhe. 11 Gonne ene yo o buileng a re: “O se ka wa dira boaka,” e bile o rile: “O se ka wa bolaya.” Jaanong fa o sa dire boaka, mme o bolaya, o motlodi wa molao. 12 Buang lo bo lo dire jaaka lo le ba ba tla atlholwang ka molao wa kgololesego. 13 Gonne katlholo ga e nke e nna le kutlwelo-botlhoko mo go ene yo o neng a se na kutlwelo-botlhoko; mme kutlwelo-botlhoko e fenya tshekiso. Bosenang-thuso jwa tumelo e e se nang ditiro 14 Ba ga etsho, go thusang fa motho a re, o na le tumelo, mme ditiro a se na natso? A tumelo eo e ka mo pholosa naa? 15 Fa mokeresete-ka-wena, monna gongwe mosadi, a tlhoka diaparo le dijo tsa letsatsi, 16 mme mongwe wa lona a ka ba raya a re: “Yaang ka kagiso, lo thuthafale, lo kgore,” mme lo sa ba fe dilo tse di batlegang mo mmeleng, go a bo go thusang? 17 Tumelo le yona jalo, fa e le yosi, e se na ditiro, e sule. 18 Jaanong motho o ka re: “Wena o na le tumelo, nna ke na le ditiro.” Mpontshe tumelo ya gago e e se nang ditiro, mme nna ke tla go bontsha tumelo ka ditiro tsa me. 19 Wena o dumela gore go na le Modimo o le mongwe fela; o dira sentle. Le medemone e dumela jalo, mme e a roroma. 20 Motho yo o bosilo ke wena. A o rata go itse gore tumelo e e se nang ditiro ga e ungwe? 21 Aborahame rraetsho a ga a a siamisiwa ka ditiro, fa a baya Isaka morwawe mo aletareng go nna setlhabelo? 22 Foo o ka bona gore tumelo e dirile mmogo le ditiro tsa gagwe, mme tumelo ya tlala ka ditiro. 23 Mme Lokwalo lwa dirafala lo lo reng: “Aborahame o ne a dumela Modimo, mme tumelo eo ya kaiwa tshiamo ya gagwe,” a ba a bidiwa tsala ya Modimo. 24 Lo ka bona ka tseo gore motho o siamisiwa ka ditiro, e seng ka tumelo fela. 25 Fela jalo le ene Rahabe wa seaka, a ga a a siamisiwa ka ditiro, ka a ne a tshola barongwi, a ba tshabisa ka tsela e sele? 26 Tumelo e sule, fa e se na ditiro, jaaka mmele o sule, fa o se na mowa. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa