Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Hoshee 9 - Setswana 1970


Petso ya Iseraele e kgolo ka ntlha ya bogolo jwa dibe tsa bone

1 Iseraele, se itumele, se duduetse jaaka merafe; gonne o akafetse ka go tlogela Modimo wa gago. O ratile tuelo ya boaka mo diboaneng tsotlhe tsa mabele.

2 Seboana le setlhotlhelo ga di nke di ba jesa; matute a moweine a tla ba swabisa.

3 Ga ba nke ba nnela ruri mo lefatsheng la Morena, mme Eferaime o tla boela kwa Egepeto; ba tla ja tse di sa itshekang kwa Asiria.

4 Ga ba nke ba tshelela Morena weine ya tshupelo. Ditlhabelo tsa bone ga di kitla di mo kgatlha, e tla nna dijo tsa bohutsana mo go bone. Botlhe ba ba di jang ba tla itshekologa. Gonne bogobe jwa bone bo tla felela mo go bone; ga bo nke bo tsena mo Ntlong ya Morena.

5 Lo tla dirang mo sebakeng sa moletlo le ka letsatsi la moletlo wa Morena?

6 Gonne bonang, ba falala ka ntlha ya tubako. Ba tla phuthwa ke Egepeto, ba fitlhwa kwa Memefise. Khumo ya bona ya dilwana tsa selefera e tla bipiwa ke mefero; ditlhatshana tsa mitlwa di tlhoga mo matlotleng a bone.

7 Go tsile malatsi a petso, go fitlhile malatsi a pusoloso. Iseraele o tla lemoga jalo. Moporofeti ke lesilo, monna wa Mowa ke setsenwa ka ntlha ya bontsi jwa melato ya gago le ka ntlha ya letlhoo le legolo.

8 Eferaime o lalela Modimo wa me. Moporofeti o beetswe dirai mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, le mo Ntlong ya Modimo wa gagwe o a tlhoiwa.

9 Ba sentse mo go maswe jaaka mo malatsing a Gibea. Modimo o tla gopola molato wa bona, o ba watlhaela maleo a bona.


Dibe tsa Baiseraele le phetso ya tsone

10 “Ke fitlhetse Iseraele a tshwana le maungo a moweine mo sekakeng; ka bona borraeno ba ntse jaaka difeie tsa pele mo setlhareng se sešwa, mme ba ya kwa go Baale-Pheore, ba ineela modimo wa ditlhong; ba fetoga dilo tse di tenang, ba nna jaaka moratiwa wa bona.

11 Kgalalelo ya Baeferaime e tla fofa e ya jaaka nonyane. Ga go tlhole go le botsalo le e seng boimana le e seng ithwalo.

12 Le fa ba ka godisa bana ba bona, ke tla ba ba amoga gore batho ba tlhokafale. Le bone a tatlhego ya bona wee, fa ke ba tlogela!”

13 Eferaime ka fa ke mmonyeng ka teng, e ne e le mokolane o o tlhomilweng mo molapong, mme Eferaime o na le go ntshetsa mmolai bana ba gagwe.

14 Ba nee, Morena! O tla ba naya eng? Ba nee boopa le mabele a a se nang mašwi.


Morena o atlhola Baiseraele

15 “Bosula jotlhe jwa bone bo senogile kwa Gilegala; teng kwa ke simolotse go ba tlhoa ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa bone. Ke tla ba leleka mo Ntlong ya me, ke sa tlhole ke ba rata. Baeteledipele botlhe ba bona ke dirukhutlhi fela.

16 Eferaime o rathilwe, medi ya bone e omeletse. Ga ba tlhole ba ungwa sepe. Le fa ba ka tsala bana, ke tla bolaya bana ba ba rategang ba bone.”


Moporofeti o bua ka ga Baiseraele

17 Modimo wa me o tla ba latlha, ka gonne ga ba a o utlwa. E tla nna bafaladi mo ditšhabeng.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan