Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Hoshee 8 - Setswana 1970


Morena o kgalemela Baiseraele

1 “Tsenya lonaka mo molomong! Go fologelwa mo Ntlong ya Morena jaaka ntsu, ka ba sentse kgolagano ya me, e bile ba tlodile molao wa me.

2 Ba tla ntlhaeletsa ba re: ‘Modimo wa rona, rona Baiseraele re a go itse.’

3 Iseraele o nyaditse tse di molemo; mmaba o tla mo latelela.

4 “Ba tlhomile dikgosi, mme e seng ka nna; ba beile dikgosana, ke sa itse. Ba itiretse medimo ya diseto ka selefera ya bona le gouta ya bona, mo ba tla nyelediwang.

5 Namane ya gago, Samaria, e mpe mo go maswe. Bogale jwa me bo a ba tukela. Ba tla palelwa ke go nna phepa sebaka se se kana kang?

6 Gonne le yona namane e tswa mo go Iseraele, e dirilwe ke mothudi, mme ga se yona Modimo. Ee, namane ya Samaria e tla phatlakanngwa.

7 Gonne ba jwetse phefo, mme ba tla roba ledimo. Mabele ga a tsale le e seng go dira dijo; le fa a ka di dira, di tla jewa ke ba sele.

8 Iseraele o meditswe. Jaanong ba mo gare ga ditšhaba, ba tshwana le selo se se se nang molemo.

9 Gonne ba ile kwa Asiria. Eferaime ke esele ya naga e e ikgapang. Ba itheketse bathusi.

10 Le fa ba ka batla thuso kwa ditšhabeng, ke tla ba olola jaanong; ba tla simolola go fokotsega ka ntlha ya morwalo wa kgosi ya dikgosana.

11 “Gonne Eferaime o agile dialetare tse dintsi a re, o tlhapa boleo, mme dialetare tseo di mo okeleditse dibe.

12 Le fa ke mo kwaletse dikaelo tse dintsi tsa molao wa me, di kaiwa jaaka tsa moeng.

13 Ba tlhaba ditlhabelo tse ba di ntlelang; ke nama, e jewa ke bone. Morena ga a kgatlhwe ke tsona. Jaanong o tla gopola tshiamololo ya bone, a ba beletsa maleo a bone; ba tla boela kwa Egepeto.

14 “E re ka Iseraele a lebetse Mmopi wa gagwe, a aga matlo a borena, le ka Juta a agile bontsi jwa metse e e femetsweng, ke tla tshuba metse ya gagwe ka molelo o o jang matlo a teng a borena.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan