Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Hoshee 7 - Setswana 1970

1 “E a re fa ke re ke fodisa Iseraele, go bonale molato wa Eferaime le bosula jwa Samaria, gonne ba tsieditse; legodu le tsene mo teng, lekoko la dinokwane le thukhuthe ka kwa ntle.

2 Ga ba lemoge gore ke ntse ke gopola bosula jotlhe jwa bone. Jaanong ditiro tsa bona di ba dikanyeditse, di fa pele ga sefatlhego sa me.


Borukhutlhi mo ntlong ya kgosi

3 “Ba thabisa kgosi ka bosula jwa bone, le dikgosana ka maaka a bone.

4 Botlhe ba a akafala, ba tshwana le sebeso se se tukang, le fa mmesi a khutla go kgotetsa go tloga mo go dubeng bupe go fitlhelela bo sena go bela.

5 Mo moletlong wa kgosi ya rona dikgosana di lwala ka bogale jwa weine. Kgosi e tshwaragana ka mabogo le basotli.

6 Gonne ba atamela ka bolotsana jwa bone; dipelo tsa bone di tshwana le sebeso. Bogale jwa bona bo lala bo didimetse bosigo jotlhe, bo tsoga bo tuka jaaka kgabo ya molelo.

7 “Ba tuka molelo botlhe jaaka sebeso, ba nyeletsa babusi ba bona. Dikgosi tsa bona di ole tsotlhe, ga go ope mo go bona yo o mpitsang.


Baiseraele le merafe e sele

8 “Eferaime o ikopanya le merafe. Eferaime ke papetla ya senkgwe e e sa fetolwang.

9 Baeng ba ja nonofo ya gagwe, ene a sa lemoge; le gona o simolotse go thunya tlhogo, mme ga a itemoge.

10 Boikgodiso jwa Iseraele bo supa ka ga gagwe mo ponatshegong. Le fa go ntse jalo, ga ba tlhabologele Moreneng, Modimo wa bone, le gona ga ba mmatle.

11 Eferaime o fetogile, a nna jaaka leeba le le seeleele le le se nang tlhaloganyo: Ba bitsa Baegepeto, ba ya kwa Asiria.

12 E tla re fa ba ya, ke ba tshware ka letloa la me, ke ba folose jaaka dinonyane tsa loapi, ke ba betse jaaka ba begetswe mo phuthegong.

13 “A tatlhego ya bona wee! Gonne ba ntlogetse. A tshenyego e ba wele, ka ba ikepile mo go nna. Nna ne ke re, ke a ba golola, mme bona ba nkaketse.

14 Le gona ga ba goele go nna ka dipelo tsa bona, fa ba lela mo malaong a bona; ba iphatsa ka ntlha ya mabele le matute a moweine, ba a nthukhutlhegela.

15 Le fa ke ba rutile, ka ba ka tiisa mabogo a bona, ba ntogela maano a a bosula.

16 Ba a boa, mme ga ba boele kwa godimo Modimong. Ba tshwana le bora jo bo repileng. Baeteledipele ba bona ba tla wa ka tšhaka bakeng la tlhapa ya diteme tsa bona. Ke se ba tla sotlegang mo lefatsheng la Egepeto ka sona.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan