Hoshee 6 - Setswana 1970Boikwatlhao jwa morafe bo sa ntse bo belaetsa 1 “ ‘Tlayang, a re boeleng kwa go Morena, gonne ke ene yo o garotseng, mme o tla re fodisa; ke ene yo o iteileng, mme o tla re fapa. 2 O tla re rudisa morago ga malatsi a mabedi, a re tsosa ka letsatsi la boraro gore re phele fa pele ga gagwe. 3 A re itseng Morena, re tlhoafalele go mo itse. O tla tswa ruri jaaka mahube, a tla kwa go rona jaaka pula, le jaaka pula ya dikgakologo e e kolobisang lefatshe.’ 4 “Nka go direlang, Eferaime? Nka go direlang, Juta? ka lorato lwa lona lo tshwana le mouwane wa masa, lo tshwana le monyo o o tlhotlhoregang e sa le phakela. 5 Ka lebaka le ke ba remile ka baporofeti, ka ba bolaya ka dipolelo tsa molomo wa me. Dikatlholo tsa me di tla tswa jaaka lesedi. 6 Gonne se se nkgatlhang ke lorato, e seng setlhabelo, le go itse Modimo bogolo go ditlhabelo tsa phiso. 7 “Mme bona ba sentse kgolagano mo motseng wa Atame; teng ba ntiretse ka boikanyologo. 8 Gileate ke motse wa basenyi, o tletse metlhala ya madi. 9 Lekoko la baperesiti le bolaela batho mo tseleng e e yang kwa Šegeme jaaka senokwane se se laletseng. Ee, ba dirile tse di tlhabisang ditlhong. 10 Mo ntlong ya Iseraele ke bonye se se boitshegang: Boaka bo teng mo go Eferaime, Iseraele o itladitse maswe. 11 “Le wena, Juta, o baakanyeditswe thobo, mogang ke busetsang batshwarwi ba morafe wa me kwa gae. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa