Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Hoshee 5 - Setswana 1970

1 “Utlwang fa, lona baperesiti! Elang tlhoko, lona Baiseraele! Sekegang ditsebe, lona ba kgosing! Gonne kotlo e lebanye lona, ka lona lo ne lo le digole tsa Mitsepha le matloa a a thaisitsweng mo Thabore,

2 le gopo e e boteng ya Sitime, mme nna ke tla ba otla botlhe.

3 Eferaime, nna ke a mo itse, le Iseraele ga a fitlhega fa pele ga me: Jaanong ò akafetse, Eferaime; Iseraele o itshekologile.”


Tlhagiso ka ga tirelo-medimo-e-sele

4 Ditiro tsa bona ga di ba letlelele go boela Modimong wa bona; gonne mowa wa boaka o mo teng ga bona, mme Morena ga ba mo itse.

5 Boikgodiso jwa Iseraele bo supa ka ga gagwe mo ponatshegong. Iseraele le Eferaime ba tla digwa ke maleo a bona, Juta le ene a wa nabo.

6 Ba tla ya go batla Morena ka difutshane le dikgomo tsa bona, mme ga ba nke ba mmona. O ba tlogetse.

7 Ba diretse Morena ka boikanyologo, gonne ba tsetse bana ba dikgora. Jaanong ngwedi o o rogilweng o tla ba ja mmogo le masimo a bona.


Bajuta ba lwa le Baiseraele

8 Letsang lonaka kwa Gibea le phala kwa Rama, lo tlhabe mokgosi kwa Bethawene! Gadima kwa morago, Benyamene!

9 Eferaime o tla fetoga sekaka letsatsing la petso. Ke itsisitse ditso tsa Iseraele tse e leng tsa nnete.

10 “Balaodi ba Juta ba tshwana le ba ba sutisang molelwane. Ke tla tshololela bogale jwa me mo go bona jaaka metsi.

11 Eferaime o a gatelelwa, o senyegetswe ke molao; gonne o kgatlhilwe ke go latela boithamako.

12 Mme nna ke tshwana le motoutwana mo go Eferaime, ke tshwana le phetlhi mo ntlong ya Juta.

13 “E rile Eferaime a bona bolwetse jwa gagwe, le Juta a bona tlhagala ya gagwe, Eferaime a ya kwa Asiria, a roma kwa go kgosi Jarebe; mme ene ga a kgone go lo fodisa. Tlhagala ga e na go tloga mo go lona.

14 Gonne nna ke tshwana le tau mo go Eferaime, ke tshwana le ledumedi mo go ba ntlo ya Juta; ke nna ke garolakang, ke be ke tloga; ke nna ke gapang go se yo o gololang.

15 “Ke tla tsamaya ke boela felong ga me, go fitlhelela ba ipone molato, ba batle sefatlhego sa me. Mo tlalelong ya bona ba tla mpatla ka tlhoafalo ba re:

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan