Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Hoshee 14 - Setswana 1970


Modimo o itshwarela ba ba tlhabologang

1 Iseraele, tlhabologela kwa Moreneng, Modimo wa gago, gonne o ole ka tshiamololo ya gago.

2 Tsamayang ka mafoko, lo boele kwa Moreneng, lo mo ree lo re: “Re itshwarele molato otlhe gore re amogele se se molemo! Mme re tla leboga ka melomo ya rona boemong jwa ditlhabelo.

3 Asiria ga a na go re thusa; ga re nke re palama dipitse, ga re tlhole re bitsa tiro ya diatla tsa rona modimo wa rona; gonne lesiela le bona kutlwelo-botlhoko mo go wena.”


Morena o solofetsa Baiseraele botshelo jo bošwa

4 “Ke tla fodisa boikepo jwa bona, ke ba rata ka pelotshweu; gonne bogale jwa me bo boile mo go bona.

5 Ke tla nna mo Iseraeleng jaaka monyo, o tla thunya jaaka sešeše, a nama medi jaaka Lebanone.

6 Matlhogela a gagwe a tla ntsifala; bontle jwa gagwe bo tla nna jaaka jwa setlhare sa olefa, monko wa gagwe o tshwana le wa Lebanone.

7 Ba ba nnang mo moriting wa sona ba tla boa ba lema mabele, ba tlhoga jaaka setlhare sa moweine se se tumileng jaaka weine ya Lebanone.

8 Eferaime o ka tlhola a dira eng ka medimo ya diseto? Nna ke mo utlwile, ke tla nna ke mo tlhokomela. Ke tla nna jaaka setlhare sa mosiperese se setala. Maungo a gago a tla tswa mo go nna.”


Khutliso

9 Yo o botlhale a a tlhaloganye dilo tse! Yo o tlhalefileng a a di itse. Gonne ditsela tsa Morena di tlhamaletse. Basiami ba tla tsamaya mo go tsona, mme baikepi ba kgotšwa mo go tsona.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan