Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Hoshee 13 - Setswana 1970


Boleo bo isa mo tatlhegong. Polelelopele ya kgololo mo losong

1 E ne ya re fela fa Eferaime a bua, go nne letshogo; e ne e le yo mogolo mo Iseraeleng, mme a leofa ka Baale, a ba a swa.

2 Mme jaanong ba tswelela pele go leofa, ba itirela setshwantsho se se bopilweng sa modimo ka selefera ya bona, le medimo ya diseto ka fa tlhaloganyong ya bone. Tiro yotlhe e ke ya bathudi fela. Ba tloga ba bua le yona, ee, bone ba ba dirang batho ditlhabelo ba atla medimo ya dinamane.

3 Ka ntlha ya moo ba tla nna jaaka mouwane wa masa, le jaaka monyo o o tlhotlhoregang e sa le phakela, le jaaka moko o o gogolwang ke phefo mo seboaneng, le jaaka musi o o tswang mo leisong.

4 “Mme nna ke Morena, Modimo wa gago, go tloga kwa lefatsheng la Egepeto. Ga o itse modimo o sele kwa ntle ga me! Ga go na mopholosi fa e se nna ke le nosi.

5 Ke nna ke neng ke go itse mo sekakeng, mo lefatsheng le le omeletseng.

6 E rile ba ntse ba fula, ba kgora; ya re ba sena go kgora, dipelo tsa bone tsa ikgodisa; ka moo ba ntebala.

7 Ka moo ke ba fetogela tau, ke ba lalela tseleng jaaka nkwe.

8 Ke tla ba tlhasela jaaka bere e e thukhuthilweng bana, ke garola mafatlha a bone, ke ba ja teng jaaka tau e namagadi; dibata tsa naga di tla ba garola.

9 “O a itatlha, Iseraele, fa o nkganetsa ke le thuso ya gago.

10 Kgosi ya gago e kae jaanong? A e go thuse mo metseng yotlhe ya gago! Baatlhodi ba gago ba kae, ba o buileng ka ga bone wa re: ‘Mphe kgosi le dikgosana’?

11 Ee, ke go naya kgosi ka bogale jwa me; ke tla ba ke e tlosa ka kgalefo ya me.

12 “Tshiamololo ya Baeferaime e bofilwe, boleo jwa bone bo bolokilwe.

13 Matlhoko a botsalo a tla ba wela, mme bona ke bana ba ba sa tlhalefang: E a re fa nako ya botsalo e fitlhile, ba se ke ba rate go tsalwa.

14 Mme ke tla ba golola mo felong ga baswi, ke ba rekolola mo losong. Loso, matlhoko a gago a kae? Felo ga baswi, tshenyo ya gago e kae? Mme ga nkitla ke ikwatlhaela tseo.

15 Le fa Eferaime a ungwa maungo mo gare ga bomorwa-rraagwe, go tla tla phefo e e tswang kwa botlhabatsatsi, e leng phefo ya Morena e e tsogang mo sekakeng. Foo motswedi wa gagwe o tla tšha, sediba sa gagwe se kgala. Mmaba o tla thopa khumo ya dilo tse di eletsegang tsa mefutafuta.

16 Samaria o tla otlwa, gonne o tsogetse Modimo wa gagwe thata; ba tla wa ka tšhaka, bana ba bone ba tšhwetlakanngwa, basadi ba baimana ba bone ba tla segakwa dimpa.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan