Hoshee 12 - Setswana 1970Boikanyologo jwa Eferaime le Juta 1 “Eferaime o ntikanyeditse ka maaka le ba ntlo ya Iseraele ka tsietso. Juta le ene o sa ntse a kgarakgatshega ka boitaolo fa pele ga Modimo, ee, fa pele ga Moitshepi yo o ikanyegang. 2 Eferaime o ikanya phefo, o latela phefo e kgolo ya botlhabatsatsi. O tlhola a ntsifatsa maaka le kgatelelo. Ba dira kgolagano le Asiria, lookwane lo isiwa kwa Egepeto.” 3 Morena o na le kgang le Juta, o tla betsa Jakobe ka ntlha ya ditsela tsa gagwe, a mmusolosa ka fa ditirong tsa gagwe. 4 Jakobe o ne a tshwara mogolowe mo seretheng a sa le mo mmeleng wa ga mmaagwe, a kampana le Modimo ka thata ya gagwe ya bonna. 5 Ee, a kampana le moengele, a mo fenya a lela, a ba a mo rapela, a kopa boitshwarelo. O mo fitlhetse kwa Bethele, teng koo o buile le rona. 6 Mme Morena, Modimo wa masomosomo, leina la gagwe le le tumileng ke Morena. 7 Mme wena, boela Modimong wa gago, o dirise lorato le tshiamo, o solofele mo Modimong wa gago ka tlhomamo. Mafoko a mangwe a katlholo 8 Jakobe o na le sekale se se tsietsang, o rata go patika jaaka Kanana. 9 Eferaime a re: “Ruri, ke humile, ke iponetse khumo; mo go tsotlhe tse ke di bapetseng ga go nke go fitlhelwa molato ope mo go tsona o e leng boleo.” 10 “Mme nna ke Morena, Modimo wa gago, go tloga kwa lefatsheng la Egepeto. Ke tla go nnisa gape mo ditenteng jaaka mo malatsing a moletlo. 11 “Ke buile le baporofeti, ka ntsifatsa dipono, ka bua ka ditshwantsho ka melomo ya baporofeti. 12 Fa ba Gileate e le baikepi, ruri, ba tla latlhega; fa ba dira dipoo ditlhabelo mo Gilegala, dialetare tsa bone le tsona di tla fetoga mekoa ya matlapa mo meseleng ya tshimo.” 13 Jakobe ene o kile a tshabela kwa nageng ya Siria, Iseraele a dira ka ntlha ya mosadi, a disa gore a bone mosadi. 14 Mme Morena o ntshitse Baiseraele kwa Egepeto ka moporofeti, mme ba disiwa ke moporofeti. 15 Eferaime o gakaditse Morena thata, mme Morena wa gagwe o tla digela melato ya polao ya gagwe mo go ene, a mmusolosetsa nyatso e o mo nyaditseng ka yona. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa