Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Hoshee 11 - Setswana 1970


Lorato lo logolo lwa Morena le go sa lebogeng ga Baiseraele

1 “E rile Iseraele e sa le ngwana, ka bo ke mo rata, ka mmitsa go tswa kwa Egepeto e le morwaake.

2 E re fa ke ba bitsa, ba ntlogele, ba ye go tlhabela boBaale ditlhabelo, ba tshubele ditshwantsho tsa medimo maswalo.

3 Kana ke nna ke tsamaisitseng Baeferaime tshipidi, ka ba tshola ka mabogo, mme ga ba a ka ba lemoga, fa e le nna ke ba fodisitseng.

4 Ke ba gogile ka dikgole tsa botho le ka megala ya lorato, ka nna mo go bona jaaka ba ba pagololang joko mo melaleng ya bona; ka inamela kwa go bone, ka ba jesa.

5 “Ga ba kitla ba boela kwa Egepeto. Nnyaya, Asiria e tla nna kgosi ya bone, gonne ba ganne go tlhabologa.

6 Tšhaka e tla kgadikana mo metseng ya bone, e bolaya dikgosana tsa bona, e di fetsa ka ntlha ya maano a bone.

7 Morafe wa me o ganelela go ikepa mo go nna. Le fa ba bilediwa kwa godimo, ga go na ope yo o itsosang.

8 “Nka go latlha jang, Eferaime? Nka go tlogela jang, Iseraele? Nka go dira jang jaaka Atema? Nka go senya jang jaaka Seboime? Ke tlhomoga pelo, ke go utlwela botlhoko thata.

9 Ga nka ke ka dirafatsa bogale jo bo tukang jwa me, ga nka ke ka senya Eferaime gape. Gonne ke Modimo, ga ke motho, ke Moitshepi mo go wena. Ga nke ke tla ke galefile.

10 “Ba tla sala Morena morago yo o dumang jaaka tau; e tla re fa a duma, bana ba tswe kwa bophirimatsatsi ka thoromo.

11 Ba tla itlhaganela ba tswa kwa Egepeto ka thoromo jaaka nonyane, ba tswa kwa lefatsheng la Asiria jaaka leeba, mme ke tla ba agisa mo matlong a bone,” go bua Morena.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan