Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Hoshee 10 - Setswana 1970

1 Iseraele e ne e le setlhare sa moweine sa dikala tse di phuthologileng se se nang le maungo. Ya re maungo a gagwe a ntsifala, a ntsifatsa dialetare le tsona; ka fa molemong wa lefatshe la gagwe a betla majwe a a motloutlo a mantle a kobamelo.

2 Ba pelo pedi. Jaanong ba tla otlwa. Morena o tla phatlakanya dialetare tsa bona, a senya majwe a a motloutlo a bona a kobamelo.

3 Ee, jaanong ba tla re: “Ga re na kgosi, gonne ga re a ka ra boifa Morena, mme kgosi e – e ka re thusa eng?”

4 Ba buabua fela, ba ikana ka maaka, ba dira dikgolagano; ke ka moo go tlhogang petso jaaka mogau mo meseleng ya tshimo.

5 Baagi ba Samaria ba tla boifela namane ya Bethawene, morafe wa yona o tla e hutsafalela; baperesiti ba yona ba roroma ka ntlha ya yona le ka ntlha ya kgalalelo ya yona, gonne e tlositswe mo go yona.

6 Le yona ka yosi e tla isiwa kwa Asiria e le neo e kgosi Jarebe a e fiwang. Eferaime o tla tlhajwa ke ditlhong, Iseraele a tlhajwa ke kgala ka ntlha ya modimo wa seseto wa gagwe.

7 Samaria o a nyelediwa, kgosi ya teng e tshwana le sefawa mo metsing.

8 Go tla senngwa dithota tsa tirelo ya medimo, e leng mafelo a boleo jwa Iseraele. Mitlwa le ditshetlho di tla tlhoga mo dialetareng tsa bona. Ba tla raya dithaba ba re: “Re khurumetseng!” le dithabana: “Re weleng godimo!”


Morena o itsise Baiseraele katlholo

9 “Wena Iseraele, o sa le o leofa go simolola malatsing a Gibea; ba ntse ba eme teng koo. Ntwa e basenyi ba bediwang ka yona, a ga e na go ba wela kwa Gibea?

10 Ke tla ba otla ka fa ke ratang ka teng. Merafe e tla phuthwa go tlhabana le bona, mogang ba bediwang ka ntlha ya maleo a mabedi a bona.

11 “Eferaime ke kgomo ya moroba e e katisitsweng, e e ratang go photha, mme nna ke tla pega joko mo molaleng o montle wa yona; ke tla golega Eferaime, Juta o tla lema, Jakobe o tla thuba makwete.

12 Ijwaleleng tsa tshiamo, lo robe tsa lorato; ikgatheleng tshimo e ntšhwa, ka e le nako ya go batla Morena go fitlhelela a tle a lo rute tshiamo.

13 Lo lemile boikepo, lwa roba bokgopo jo bo boitshegang, lwa ja maungo a maaka. “Gonne ò ne ò ikanya dikoloi tsa ntwa tsa gago, le bontsi jwa diganka tsa gago.

14 Ke gona ka moo go tla tsogang modumo wa ntwa mo morafeng wa gago. Dikago tsotlhe tsa phemelo tsa gago di tla thubaganngwa jaaka Salamane a senya Betharebele ka letsatsi la tlhabano; mma-bana o remagantswe mmogo le bana ba gagwe.

15 Le lona Baiseraele, Morena o tla lo direla fela jalo ka ntlha ya bosula jo bogolo wa lona. Kgosi ya Iseraele e tla nyelelediwa ruri e sa le phakela.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan