Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Hagae 1 - Setswana 1970


Kaelo e e reng: Tsosang Tempele

1 E rile ka ngwaga wa bobedi wa kgosi Dario, mo kgweding ya borataro, ka letsatsi la ntlha la kgwedi, Lefoko la Morena la tla kwa go Serubabele, morwa Salathiele, molaodi wa Juta, le Jošua, moperesiti yo mogolo, morwa Josatake, ka moporofeti Hakai, la re:

2 Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Morafe o ke ba ba reng: ‘Sebaka ga se ise se tle, sebaka sa go tsosa Ntlo ya Morena.’ ”

3 Mme Lefoko la Morena la tla ka moporofeti Hakai, la re:

4 “A ke sebaka mo go lona go nna mo matlong a a kgabisitsweng ka dipati, mme Ntlo e, yona e ntse e le lesope fela?”

5 Ke ka moo Morena wa masomosomo a buang jaana a re: “Akanyang tlhe tse di lo dirafaletseng:

6 Lo jwetse thata, mme lwa kotula go le gonnye fela; lwa ja, mme lo sa kgore; lwa nwa, mme lo sa nyorologe; lwa apara, mme lo sa thuthafale; yo o neng a direlang tuelo a e tsenya mo kgetsaneng e e dutlang.”

7 Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Akanyang tlhe tse di lo dirafaletseng!

8 Palamang mo thabeng, lo tlise dikgong, lo age Tempele; foo go tla nkgatlha, mme ke tla galalediwa,” go bua Morena.

9 “Lo ne lo solofetse go bona tse dintsi, mme bonang, ke tse dinnyane fela; lo ne lo di tlisitse mo gae, ka di budula. Ke ka ntlhaang?” go botsa Morena wa masomosomo. “Ke ka ntlha ya Ntlo ya me e e ntseng e thubakantswe, mme mongwe le mongwe wa lona o tlhokometse ntlo ya gagwe.

10 Ke ka moo legodimo godimo ga lona le ganneng ka monyo, lefatshe la gana ka leungo la lone.

11 Mme ke biditse komelelo, ka e tlisa mo lefatsheng le mo dithabeng le mo mabeleng le mo matuteng a moweine le mo lookwaneng le mo go tsotlhe tse lefatshe le di tlhogisang; le mo bathong le mo dikgomong le mo ditirong tsotlhe tsa diatla.”


Baiseraele ba utlwa taelo ya Morena

12 Ke fa Serubabele, morwa Salathiele, le Jošua, moperesiti yo mogolo, morwa Josatake, le masalela otlhe a morafe, ba utlwa, ba dirisa lentswe la Morena, Modimo wa bone, le mafoko a moporofeti Hakai, ka fa Morena, Modimo wa bone, a mo romileng ka teng, mme morafe wa boifa Morena.

13 Ke fa Hakai, morongwi wa Morena, a bua le morafe ka taelo ya Morena a re: “Ke na le lona, go bua Morena.”

14 Mme Morena a tsosa mowa wa ga Serubabele, morwa Salathiele, molaodi wa Juta, le mowa wa ga Jošua, moperesiti yo mogolo, morwa Josatake, le mewa ya masalela otlhe a morafe; ba tla ba dira tiro ya Ntlo ya Morena wa masomosomo, Modimo wa bone

15 ka ngwaga wa bobedi wa kgosi Dario, ka kgwedi ya borataro, ka letsatsi la 24.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan