Habakuke 3 - Setswana 1970Thapelo ya moporofeti 1 Thapelo ya ga Habakuke moporofeti, ka moopelo wa sefela sa selelo. 2 Morena, ke utlwile pegelo ya gago, ka ba ka tshoga. Morena, dirafatsa tiro ya gago mo gare ga dinyaga, ò e itsise mo gare ga dinyaga. Mme mo bogaleng ò gakologelwe boutlwelo-botlhoko. 3 Modimo o tla tswa kwa Themane, Moitshepi a tswa kwa thabeng ya Pharane. Sela. Kgalalelo ya ona e khurumeditse magodimo, lefatshe le tletse pako ya ona. 4 Go tla nna phatsimo jaaka lesedi la letsatsi, marang a fa lotlhakoreng lwa ona; ke fa thata ya ona e fitlhilweng teng. 5 Leroborobo le tla o etelela pele, letshoroma le o sala morago. 6 Fa o ema, o roromisa lefatshe; fa o leba, o tsibosa ditšhaba; dithaba tse di sa khutleng di a phatlakanngwa, dithabana tsa bogologolo di a kokobela, tse e leng metsamao ya ona ya kgale. 7 Ke bonye ditente tsa Kušane di le mo tlalelong, masela a ditente tsa lefatshe la Midiane a tetesela. 8 Morena, a ò tuketse dinoka bogale? A ò galefetse dinoka? Gongwe a ò gakaletse lewatle, ka ò palame dipitse tsa gago le dikoloi tsa gago tsa phenyo? 9 Bora jwa gago bo etleetsegile gotlhe. Kgwatlha ya gago ya metsu e tletse. Sela. O phatlola lefatshe gore le tswe dinoka. 10 Fa dithaba di go bona, di a roroma. Morwalela o a feta. Lewatle le a duma, le tsholeletsa mabogo kwa godimo. 11 Letsatsi le ngwedi di boela mo mannong a tsona. Go bonesa lesedi la metsu ya gago e e fofang; go phatsima logadima lwa lerumo la gago. 12 O ralala lefatshe ò gaketse; ò photha ditšhaba ò le bogale. 13 O bolotse go thusa morafe wa gago le go thusa Motlodiwa wa gago; o tšhwetlakanya tlhogo ya lapa la moikepi, ò mo apola go tloga dinaong go fitlha molaleng. Sela. 14 O tlhaba tlhogo ya dikgosana tsa gagwe ka marumo a gagwe tse di tlhaselang go mphalatsa, tse di duduetsang jaaka e kete di rata go ja modidi fa a fitlhegileng teng. 15 O gatile mo lewatleng ka dipitse tsa gago, mo phuthegelong ya metsi a mantsi. 16 E rile ke utlwa jalo, teng ya me ya huduega, molomo wa me wa roroma ka ntlha ya modumo; go nyera ga ntsena mo marapong, ka tetesela fa ke emeng teng; gonne ke na le go iketlela letsatsi la tlalelo gore le tlele morafe o o re tlhaselang. 17 Le fa setlhare sa feie se sa tlhoge, le fa go se maungo mo ditlhareng tsa moweine, le fa phulo ya setlhare sa olefa e swabisa, le fa masimo a sa ntshe dijo, le fa dinku di feleletse mo sakaneng, le fa go se dikgomo mo marakeng: 18 Le fa go ntse jalo ke rata go dudueletsa Morena, ke rata go itumelela Modimo wa pholoso ya me. 19 Modimo Morena ke thata ya me; o dira maoto a me jaaka a ditshephe; o ntsamaisa mo mafelong a a kwa godimo a me. Go kwaletswe moopedisi; ka diletso tsa me tsa ditlhale tsa mesifa. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa