Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Habakuke 2 - Setswana 1970


Karabo ya Morena

1 Ke tla ema mo seraleng sa me, ke ikemisa mo loboteng, ke tlhole gore ke utlwe se o tla se buang le nna, le se o tla arabang ngongorego ya me ka sona.

2 Mme Morena a mphetola a re: “Kwala pono, ò e gwae mo matlapeng gore motho a itse go buisa ditlhaka sentle a ntse a feta.

3 Gonne pono e sa ntse e emetse sebaka se se laotsweng, mme e itlhaganelela kwa bofelong; ga e ka ke ya swabisa ope. E re fa e diega, ò e lete. Gonne e tla dirafala ka nnete, e sa thibelwe ke sepe.

4 Bonang, mowa wa gagwe o gogomogile, ga o a tlhamalala mo go ene! Mme mosiami o tla phela ka tumelo ya gagwe.”


Tatlhego ya baikepi

5 Gape weine ke motsietsi; monna yo o ikgantshang ga a na boikhutso; o atlhamisitse legano jaaka felo ga baswi; o tshwana le loso, ga a kgore. O iphuthela ditšhaba tsotlhe, o ikgobokanyetsa merafe yotlhe.

6 Botlhe ba, a ga ba kitla ba mo sotla ka mafoko le dipina le dinyoba ba re: “A tatlhego wee ya yo o ikhumisang ka tse e seng tsa gagwe! – Go fitlha leng? – yo o ikimetsang ka dipeelelo!”

7 A ba ò ba gapetseng ga ba nke ba go tsogela ka tshoganyetso? A ga ba nke ba thanya go go pitlaganya gore ò nne thopo ya bone?

8 E re ka wena ò thukhuthile ditšhaba tse dintsi, masalela otlhe a merafe a tla go thukhutha ka ntlha ya go tsholola madi a batho le ka ntlha ya go gatelela lefatshe le motse le botlhe ba ba agileng mo go ona.

9 A tatlhego wee ya yo o bapalelang ntlo ya gagwe khumo ka tsietso gore a ikagele sentlhaga kwa godimo go ipoloka gore tatlhego e se mo wele.

10 O logetse ntlo ya gago maano a ditlhong, ò re ò nyeletsa merafe e mentsi, ò ntse ò itshenyetsa bophelo ka wesi.

11 Gonne letlapa le tla goa le le mo loboteng, mme kota e tla le araba e le mo ditlhomesong.

12 A tatlhego wee ya yo o agang motse ka go tsholola madi, yo o thayang motse o o femetsweng ka tshiamololo.

13 Bonang, a ga go tswe mo Moreneng wa masomosomo, fa merafe e itirela se se jewang ke molelo, fa ditšhaba di itapisetsa dilo tsa lefelafela?

14 Gonne lefatshe le tla tlala kitso ya kgalalelo ya Morena jaaka metsi a khurumetsa lewatle.

15 A tatlhego wee ya yo o nosang bangwe-ka-ene seno; a tlhakanya kgakalo ya gagwe le sona, le gona a ba tagisa gore a tle a bone bosaikatega jwa bone.

16 Ò kgotshe nyatsego boemong jwa tlotlo. Nwaa le wena, ò ikapole! Senwelo se se mo letsogong le le jang la Morena se tla dikologela kwa go wena gore tlotlo ya gago e fetoge nyatsego.

17 Gonne tshenyo e e dirilweng kwa Lebanone le tshenyo e e tshositseng diphologolo e tla go khurumetsa ka ntlha ya go tsholola madi a batho le ka ntlha ya go gatelela lefatshe le motse le botlhe ba ba agileng mo go ona.

18 Setshwantsho se se setilweng se thusa eng, fa modiri wa sona a se betlile? Le setshwantsho se se bopilweng, se e leng moruti wa maaka, se thusa eng, fa modiri wa sona a se ikanya ka go dira medimo e e dimumu?

19 A tatlhego wee ya yo o rayang kota a re: “Tsoga!” le letlapa le le semumu a re: “Thanya!” A lone le ka ruta motho? Bonang, lone le manegilwe gouta le selefera, mme ga go na mowa ope mo teng ga lone.

20 Mme Morena o mo Tempeleng ya gagwe e e Boitshepo! – A go didimale lefatshe lotlhe fa pele ga gagwe!

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan