Genese 6 - Setswana 1970Boikepo jwa batho 1 E rile batho ba simolola go ata mo lefatsheng le go tsalelwa bomorwadi, 2 bomorwa Modimo ba bona bomorwadia batho, fa ba le bantle, ba tsaya basadi mo go bona botlhe ba ba ba ratang. 3 Ke fa Morena a re: “Mowa wa me ga o kitla o busa mo mothong ka bosakhutleng, gonne le ene ke nama. A malatsi a gagwe e nne dinyaga di le 120 fela.” 4 Mo malatsing ao ga bo go le mekaloba mo lefatsheng; le gona morago ga moo, fa bomorwa Modimo ba kopana le bomorwadia batho, ba ba tshodisa bana. Bona bao ke bagale ba bogologolo, ke banna bale ba ba tumileng. 5 Jaanong ya re Morena a bona bosula jwa batho bo le bogolo le maano otlhe a dikakanyo tsa dipelo tsa bone a le bosula fela ka metlha yotlhe, 6 ke fa Morena a ikwatlhaya, ka a dirile batho mo lefatsheng, a hutsafala mo pelong ya gagwe. 7 Jaanong Morena a re: “Ke tla nyeletsa batho ba ke ba tlhodileng, ke ba tlosa mo lefatsheng; bone batho le diruiwa le digagabi le dinonyane tsa legodimo; gonne ke ikwatlhaya, ka ke ba dirile.” 8 Mme Noa ene a bona bopelotlhomogi mo matlhong a Morena. Noa 9 Tsa bophelo jwa ga Noa ke tse: Noa e ne e le monna yo o siameng, a se na molato mo bathong ba metlha ya gagwe; Noa o ne a sepela le Modimo. 10 A tsala bomorwa ba le bararo, e bong Seme le Hame le Jafethe. 11 Lefatshe la bo le senyegile fa pele ga Modimo; lefatshe le tletse boithatelo jo bo setlhogo. 12 Ke fa Modimo o leba lefatshe, o fitlhela le senyegile; gonne batho botlhe ba ne ba sentse setho sa bone mo lefatsheng. 13 Mme Modimo wa raya Noa wa re: “Bofelo jwa batho botlhe bo tlile fa pele ga me. Gonne lefatshe le tletse tshiamololo e ba e dirang. Ka moo ke tla ba senya, ke ba tlosa mo lefatsheng. 14 Itirele mokoro o mogolo ka dikgong tsa paina, o dire matlwana mo mokorong oo, o o thibe ka boka ka fa teng le ka fa ntle. 15 O o dire jaana: Boleele jwa mokoro oo e nne mabogo a le 300; boatlhamo jwa ona e nne mabogo a le 50; bogodimo jwa ona e nne mabogo a le 30. 16 O direle mokoro oo fenstere ya boleele jwa letsogo kwa godimo mo tikologong. “Setswalo sa mokoro oo o se tsenye mo lotlhakoreng lwa ona. O dire matlwana a a kwa tlase le a a fa gare le a a kwa godimo mo go ona. 17 Gonne ke tla tlisa morwalela wa metsi mo lefatsheng, e le go senya nama yotlhe e mowa wa bophelo o leng mo go yona fa tlase ga letsatsi; tsotlhe tse di mo lefatsheng di tla swa. 18 Mme wena ke tla dira kgolagano nao e e tlhomameng; o tla tsena mo mokorong oo, wena le bomorwao le mosadi wa gago le basadi ba bomorwao, ba na nao. 19 Le gona o tsenye bobedi le bobedi jwa dilo tsotlhe tse di phelang tsa nama yotlhe tsa mofuta mongwe le mongwe mo mokorong oo, e le go di phedisa nao. A e nne e tonanyana le e namagadi. 20 A di le pedi tsa mefuta yotlhe ya dinonyane le tsa mefuta yotlhe ya diruiwa le tsa mefuta yotlhe ya digagabi tse di mo lefatsheng di tsene le wena go bolokelwa bophelo. 21 O be o itseele dijo tsa mefutafuta tse di jewang, o di phuthele kwa go wena gore e nne dijo tsa gago le tsa tsona.” 22 Noa a dira tsotlhe ka fa Modimo o mo laetseng ka teng. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa