Genese 49 - Setswana 1970Jakobe o tshegofatsa bomorwawe 1 Jaanong Jakobe a bitsa bomorwawe a re: “Phuthegang gore ke lo bolelele tse di tla lo dirafalelang mo metlheng e e tlang. 2 Kgobokanang lo utlwe, lona bomorwa Jakobe! Reetsang Iseraele, rraeno! 3 Rubene, o morwaake yo mogolo, o thata ya me, o wa ntlha wa nonofo ya me. O gaisa ba bangwe ka bogolo; o phala ba bangwe ka bonatla. 4 O huhula jaaka metsi. Ga o kitla o nna yo mogolo; ka gonne o kile wa palama mo bolaong jwa ga rraago, wa bo itshekolola. Wa palama mo marobalong a me. 5 Simeone le Lefi ke bana ba motho. Dibolai tsa bone ke tse di setlhogo. 6 A mowa wa me o se ka wa tsena mo lekgotleng la bone; a tlotlo ya me e se ka ya kopana le phuthego ya bone. Gonne ba bolaile banna ka bogale jwa bone; ba golafatsa dipoo ka bomo. 7 A go hutsiwe bogale jwa bone, ka bo tuka thata, le kgalefo ya bone, ka e le setlhogo. Ke tla ba kgaoganya mo go Jakobe, ke ba phatlalatsa mo go Iseraele. 8 Juta ke wena, bomorwa-rraago ba tla go boka. Seatla sa gago se tla nna mo thamong tsa baba ba gago. Bomorwa-rraago ba tla ikoba fa pele ga gago. 9 Juta ke tawana; o tlhatlogile, morwaaka, o tswa thopong. A inama, a botha jaaka tau le jaaka tau e namagadi. Ke mang yo o ka mo tshosang? 10 Thobane ya bogosi ga e kitla e tloga mo go Juta le e seng lore lwa mmusi fa gare ga dinao tsa gagwe go fitlhelela go be go tle Silo. Ene merafe e tla mo utlwa. 11 O bofelela eselana ya gagwe mo setlhareng sa moweine le ngwana wa esele e namagadi ya gagwe mo go sa moweine se se tlhaotsweng. Seaparo sa gagwe o se tlhatswa ka weine le kobo ya gagwe ka matute a maungo a moweine. 12 Matlho a gagwe a leoto ka weine; o sweufetse meno ka mašwi. 13 Sebulone o tla nna fa losing lwa lewatle, ene o fa magorogelong a mekoro. Letlhakore la gagwe le kopana le naga ya Sitone. 14 Isašare ke esele ya marapo a a thata, o botha mo gare ga maraka. 15 A fitlhela boikhutso bo le monate le lefatshe le le lentle; a oba legetla la gagwe go rwala, a nna motlhanka yo o kgethisiwang. 16 Dane o tla emela tshiamo mo morafeng wa gagwe jaaka longwe lwa ditso tsa Iseraele. 17 A Dane a nne noga mo tseleng le mokwepa mo tselaneng o o lomang pitse diretheng gore mopalami wa yona a wele kwa morago. 18 Morena, ke lebeletse pholoso ya gago. 19 Gate – setlhopha sa dinokwane se tla mo pitlaganya, mme ene o tla pitlaganya direthe tsa bone. 20 Asere – dijo tsa gagwe di mafura; ene o tsisa menate ya dikgosi. 21 Nafetale ke phala e namagadi e e gololegileng; o utlwatsa bontle jwa mafoko. 22 Josefa ke setlhare se senana se se ungwang, ke setlhare se senana se se fa motsweding. Dikala tsa sona di golela godimo ga lorako. 23 Ba ba hulang metswi ba ne ba mo tlhasela, ba mo hula, ba mo lwantsha. 24 Mme bora jwa gagwe jwa nna bo tiile, mabogo le diatla tsa gagwe di le bobebe ka thuso ya Mothata wa ga Jakobe, e e tswang mo go yo e leng Modisa wa ga Iseraele le lefika la gagwe; 25 e e tswang mo Modimong wa ga rraago – a o go thuse! le mo go Mong-wa-thata-yotlhe – a a go tshegofatse ka ditshegofatso tsa legodimo kwa godimo, le ka ditshegofatso tsa bodiba jo bo leng kwa tlase le ka ditshegofatso tsa mabele le letsalo. 26 Ditshegofatso tsa ga rraago di feta ditshegofatso tsa dithaba tse di sa khutleng le mokgabo wa dithabana tse di sa khutleng. A di tle mo tlhogong ya ga Josefa le mo phogong ya motlotlegi wa bomorwa-rraagwe. 27 Benyamene ke phiri e e garolang. O ja thopo mo mosong, maitsiboa a abele se se thukhuthilweng.” 28 Botlhe bao ke bone ditso di le 12 tsa Iseraele, ke tsona tse rraabo o di ba boleletseng, fa a ba tshegofatsa mongwe le mongwe ka tshegofatso ya gagwe; a ba tshegofatsa jalo. Loso lwa ga Jakobe le phitlho ya gagwe 29 A ba a ba laela, a ba raya a re: “E re ke sena go bilediwa kwa morafeng wa ga etsho, lo mphitlheng fa go borre mo logageng lo lo mo tshimong ya ga Eferone wa Mohethe 30 mo logageng lo lo mo tshimong ya Makapela e e mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Mamere mo lefatsheng la Kanana, e bong tshimo ele e Aborahame o neng a e reka mo go Eferone wa Mohethe go nna mabitla a losika lwa gagwe. 31 Gona foo ba fitlhile Aborahame le Sara mosadi wa gagwe; gona foo ba fitlhile Isaka le Rebeka mosadi wa gagwe; gona foo ke fitlhile Lea 32 mo tshimong e e nang le logaga e e rekilweng mo go Bahethe.” 33 Jaanong ya re Jakobe a sena go fetsa go laela bomorwawe, a busetsa maoto a gagwe mo bolaong, a swa, a bilediwa kwa bathong ba ga gabo. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa