Genese 42 - Setswana 1970Bomogoloa Josefa ba ya kwa Egepeto go reka mabele 1 E rile Jakobe a utlwela gore mabele a teng kwa Egepeto, a raya bomorwawe a re: “Lo lebanelang?” 2 A ba a re: “Bonang, ke utlwetse mabele kwa Egepeto. Yaang lo ye go re rekela mabele teng gore re se ka ra swa ka tlala.” 3 Ke fa bomogoloa Josefa ba le some ba ya kwa Egepeto go reka mabele teng. 4 Mme Benyamene, monnaa Josefa, Jakobe a se ka a mo roma le bomogolowe; gonne a tshaba gore e ka re gongwe kotsi ya mo wela mo tseleng. 5 Bomorwa Iseraele ba fitlha jalo go reka mabele ba na le ba bangwe ba ba ileng teng; gonne go ne go le leuba mo lefatsheng la Kanana. 6 Mme Josefa e ne e le molaodi mo lefatsheng, e le ene yo o rekisang mabele mo bathong botlhe ba lefatshe. Jaanong ya re bomogolowe ba fitlha, ba inamela fa fatshe fa pele ga gagwe. 7 Mme ya re Josefa a bona bomogolowe, a ba itse, a ba itobela, a bua nabo ka bogale, a ba botsa a re: “Lo tswa kae?” Ba re: “Re tswa kwa lefatsheng la Kanana, re tsile go reka dijo.” 8 Josefa ene a itse bomogolowe, mme bone ba se ka ba mo itse. 9 Ke fa Josefa a gakologelwa ditoro tse a kileng a di lora ka ga bone a ba raya a re: “Lo batlhodi, lo tlile go bona fa lefatshe le sa femelwang teng.” 10 Ba mo fetola ba re: “Nnyaya, morena! Batlhanka ba gago ba tlile go reka dijo. 11 Rona rotlhe re bomorwa monna a le mongwe. Re batho ba nnete. Batlhanka ba gago ga se batlhodi.” 12 Mme a ba fetola a re: “Nnyaya! Lo a aka, lo tlile go bona fa lefatshe le sa femelwang teng.” 13 Bone ba re: “Batlhanka ba gago ke ba le 12, re bomorwa motho, bomorwa motho a le mongwe wa kwa lefatsheng la Kanana. Yo mmotlana o setse le rraetsho, yo mongwe ga a tlhole a le teng.” 14 Josefa a ba raya a re: “Go ntse jaaka ke lo boleletse ka re: ‘Lo batlhodi!’ 15 Se ke tla itseng nnete ya lona ka sona ke se: Ke ikana ka Farao! Ga lo ka ke lwa tloga mono, monnaa-lona a ise a tle kwano pele. 16 Romang mongwe wa lona, a ye go tsaya monnaa-lona, mme lona lo sale lo golegilwe, ke tle ke bone gore a lo ne lo bua nnete. Mme fa go se jalo – ruri ka Farao – lo batlhodi!” 17 Ke fa a ba tsenya mmogo mo kgolegong malatsi a le mararo. 18 Mme ka letsatsi la boraro Josefa a ba raya a re: “Dirang jaana, foo lo tla phela – gonne ke boifa Modimo. 19 Fa lo le batho ba nnete, a mongwe wa lona a sale a golegilwe mo ntlong ya kgolegelo e lo leng mo go yona, mme lona lo tsamae lo isetse tlala ya malapa a lona mabele. 20 Fela lo tlise monnaa-lona kwano go nna. Foo mafoko a lona a tla itshupa, fa e le a nnete gore lo se ka lwa swa.” Mme ba utlwisisa. 21 Ke fa ba rerisanya ba re: “Re iteelwa molato o re leofetseng monnaa-rona ka ona. Gonne re ne ra bona tlalelo ya pelo ya gagwe, fa a re rapela, mme ra se ka ra mo utlwa. Ke ka moo re dirafaletsweng ke tlalelo e.” 22 Rubene a ba fetola a re: “A ga ke a ka ka lo bolelela ka re: ‘Se leofeleng ngwana,’ mme lwa gana go utlwa. Jaanong go batlwa madi a gagwe mo go rona.” 23 Mme ba bo ba sa itse, fa Josefa a ba utlwa; gonne o ne a bua nabo ka mofetolapuo. 24 Ke fa Josefa a ba hularela a ba tlogela, a lela; a ba a boela kwa go bone, a bua nabo, a tshwara Simeone, a mo ntsha mo go bone, a mo golega fa pele ga bone. Bomogoloa Josefa ba boela kwa Kanana 25 Jaanong Josefa a laela gore dikgetse tsa bone di tladiwe mabele, mme mongwe le mongwe a tsenyediwe madi a gagwe mo kgetseng ya gagwe, mme ba fiwe mfago. Ba direlwa jalo. 26 Jaanong ba tsaya mabele a bone, ba a belesa mo dieseleng tsa bone, ba tsamaya. 27 Mme ya re yo mongwe wa bone a bofolola kgetse ya gagwe go fa esele ya gagwe dijo ba le fa ba tla lalang teng, a fitlhela madi a gagwe a le mo molomong wa kgetse ya gagwe. 28 A raya bomorwa-rraagwe a re: “Ba mpuseditse madi a me ke a, a mo kgetseng ya me.” Ke fa ba kgobega marapo, ba lebana, ba tshogile ba re: “Ke eng se Modimo o se re diretseng?” 29 Jaanong ya re ba sena go goroga kwa gae kwa Kanana, ba bolelela Jakobe rraabo tsotlhe tse di ba dirafaletseng ba re: 30 “Monna yo e leng molaodi wa lefatshe lele o buile ka bogale le rona, a re golega a re, gongwe re tsile go tlhola lefatshe lele. 31 Ra mo raya ra re: ‘Re batho ba nnete. Ga re batlhodi. 32 Re basimane ba le 12 fa lapeng, bana ba motho. Yo mongwe ga a tlhole a le teng. Yo mmotlana o setse le rraetsho kwa Kanana.’ 33 Ke fa monna yo e leng molaodi wa lefatshe lele a re raya a re: ‘Tlogelang mongwe wa lona fa go nna, lo tsamae, lo isetse tlala ya malapa a lona mabele; ke gona ke tla dumelang gore lo batho ba nnete. 34 Lo bo lo boe lo tlise monnaa-lona kwano go nna. Foo ke tla dumela, fa lo se batlhodi, lo le batho ba nnete; mme ke tla lo busetsa morwa-rraeno gore lo tsamae mo lefatsheng le ka kgololesego.’ ” 35 Jaanong ya re ba ntsha mabele mo dikgetseng, mongwe le mongwe a fitlhela sekgwama sa gagwe se na le madi a gagwe se le mo kgetseng. Ya re ba bona dikgwama tsa bone, ba boifa, bone le rraabo. 36 Ke fa Jakobe rraabo a ba raya a re: “Lo nthukhutha bana. Josefa ga a tlhole a le teng. Simeone ga a tlhole a le teng. Jaanong lo rata go tsaya le Benyamene. Tsotlhe tseo di nkwela godimo.” 37 Rubene a fetola rraagwe a re: “Mo nneele, ke tla boa nae; fa ke sa boe nae, o bolae bomorwaake ba babedi.” 38 Mme a fetola a re: “Ga ke dumele gore morwaake a tsamae le lona. Gonne mogolowe o sule, go setse ene fela. Fa a ka welwa ke kotsi mo tseleng, lo ka folosetsa moriri o mobududu wa me kwa felong ga baswi ka botlhoko.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa