Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Genese 4 - Setswana 1970


Kaine le Abele

1 Atame o ne a itse Efa, mosadi wa gagwe; ke fa a nna moimana, a belega Kaine a re: “Ke bonye monna ka thuso ya Morena.”

2 A boela a belega Abele monnawe. Abele a nna modisa wa dinku, Kaine a nna molemi wa masimo.

3 Ya re malatsi mangwe a sena go feta, Kaine a tlisa maungo a masimo, a direla Morena tshupelo.

4 Abele le ene a tlisa tsa maitibolo a dinku tsa gagwe le mafura a tsona. Mme Morena a itumelela Abele le setlhabelo sa gagwe.

5 Fela a se ka a itumelela Kaine le tshupelo ya gagwe. Ke fa Kaine a galefa thata, a gagabisa matlho.

6 Mme Morena a botsa Kaine a re: “O galefetseng? O gagabisetsang matlho?

7 A ga ke re, fa o dira sentle, o ka tsholetsa sefatlhego, mme fa o sa dire sentle, boleo bo lalela fa mojako, bo go tlhologeletswe, mme wena o bo laole.”

8 Mme Kaine a bua le Abele monnawe; ya re ba le kwa nageng, Kaine a tsogela Abele monnawe, a mmolaya.

9 Ke fa Morena a botsa Kaine a re: “Abele monnao o kae?” Ene a re: “Ga ke itse. A ke modisa wa ga nnake?”

10 Mme Morena a re: “O dirileng? Lentswe la madi a ga monnao le ntlhaeletsa, le tswa mo mmung.

11 Jaanong o hutsitswe, o lelekilwe mo nageng e e atlhamolotseng legano go amogela madi a ga monnao a a tsholotsweng ke diatla tsa gago.

12 Fa o lema masimo, ga a kitla a tlhola a go ntshetsa dijo ka fa nonofong ya ona; o tla nna mofaladi le motshabi mo lefatsheng.”

13 Ke fa Kaine a raya Morena a re: “Molato wa me o mogolo go feta o o ka itshwarelwang.

14 Bona, kajeno o nteleka mo nageng e; ke tla iphitlha, ke tshaba sefatlhego sa gago; ke tla nna mofaladi le motshabi mo lefatsheng. Mongwe le mongwe yo o mponang o tla mpolaya.”

15 Mme Morena a mo raya a re: “Nnyaya, mongwe le mongwe yo o go bolayang, Kaine, o tla busolosiwa gasupa.” Morena a ba a baya lotshwao mo go Kaine gore a se ka a bolawa ke ope yo o mmonang.

16 Ke fa Kaine a tloga fa pele ga sefatlhego sa Morena, a ya go nna kwa lefatsheng la Note mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Etene.


Losika lwa ga Kaine

17 Kaine o ne a itse mosadi wa gagwe a nna moimana, a belega Henoge; a ba a aga motse, a o taya leina la Henoge, a o teelela morwawe.

18 Henoge a belegelwa Irate; Irate a tsala Mehuyaele; Mehuyaele a tsala Methusaele; Methusaele a tsala Lamege.

19 Lamege a tsaya basadi ba le babedi; leina la mongwe e le Ata, leina la yo mongwe e le Sila.

20 Ata a belega Jabale; ke ene rraabone ba ba neng ba nna mo ditenteng, e le barui ba dikgomo.

21 Leina la ga monnawe ke Jubale; ke ene rraabone botlhe ba be neng ba letsa dirankure le ditlhaka.

22 Sila le ene a belega, a tshola Thubale-Kaine; a nna mothudi wa dilo tsa mefutafuta tsa kgotlho le tsa tshipi. Kgaitsadia Thubale-Kaine e ne e le Naama.

23 Lamege o ne a raya basadi ba gagwe a re: “Ata le Sila, utlwang lentswe la me; lona basadi ba ga Lamege, reetsang mafoko a me: Ruri, ke tla bolaya monna yo o ka nntshang ntho, le lekau le le ka nkhutlang.

24 Gonne Kaine o tla busolosiwa gasupa, mme Lamege ene ga masome a a supang le bosupa.”


Sethe le Enose

25 Atame a ba a itse mosadi wa gagwe gape; a belega morwa, a mo taya leina la Sethe. Gonne a re: “Modimo o mphile ngwana yo mongwe mo boemong jwa ga Abele yo Kaine o mmolaileng.”

26 Sethe le ene a belegelwa morwa, a mo taya leina la Enose. Metlheng eo ba simolola go bitsa leina la Morena.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan