Genese 39 - Setswana 1970Josefa le mosadi wa ga Photifare 1 E rile Josefa a sena go isiwa kwa Egepeto, Photifare, modiredi wa ga Farao, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, monna wa Moegepeto a mo reka mo Baisemaeleng ba ba mo isitseng teng. 2 Mme Morena o ne a na le Josefa, a nna monna yo o tlhogonolo, a nna mo ntlong ya morena wa gagwe wa Moegepeto. 3 Jaanong ya re morena wa gagwe a bona, fa Morena a na nae, le gona tsotlhe tse a di dirang Morena a di tsweletsa pele sentle, 4 Josefa a bona bopelotlhomogi mo go mongwagwe, a mo direla; mme Photifare a mo dira mookamedi wa lelapa la gagwe, a neela tsotlhe tse a nang natso mo taolong ya gagwe. 5 Go tloga sebakeng seo a mo dirileng mookamedi wa lelapa la gagwe le wa tsotlhe tse a nang natso ka sona, Morena a tshegofatsa lelapa la Moegepeto ka ntlha ya ga Josefa. Tshegofatso ya Morena e ne e le mo go tsotlhe tse a nang natso mo ntlong le kwa masimo. 6 A tlogela tsotlhe tse a di tshotseng mo taolong ya ga Josefa, a sa tshwenyege ka sepe, fa a ntse a na nae, a lebile dijo tse a di jang fela. Josefa o ne a le montle ka seemo le ka sefatlhego. 7 Jaanong ya re morago ga dilo tseo, mosadi wa morena wa gagwe a eletsa Josefa ka matlho, a mo raya a re: “Robala le nna!” 8 Mme a gana, a raya mosadi wa morena wa gagwe a re: “Bona, mongwake ga a tshwenyege ka sepe sa tse di mo ntlong, o ikantse nna; tsotlhe tse o nang natso o di neetse mo tisong ya me. 9 Ga a ikae mogolo mo ntlong e bogolo go nna. Le gone ga a nkiletse sepe fa e se wena fela ka go re o mosadi wa gagwe. Kana nka dira jang bosula jo bogolo joo, ka leofela Modimo?” 10 Le fa a ntse a raela Josefa jalo ka malatsi otlhe, ene a gana go robala nae le go nna nae. 11 Jaanong ya re letsatsi le lengwe a tsena mo ntlong go dira tiro ya gagwe, go se na ope wa batho ba lelapa leo mo ntlong, 12 mosadi a mo tshwara ka seaparo sa gagwe a re: “Robala le nna!” Mme Josefa a tlogela seaparo mo seatleng sa gagwe, a tshabela kwa ntle. 13 Mme ya re mosadi a bona, fa Josefa a tlogetse seaparo mo seatleng sa gagwe, a tshabetse kwa ntle, 14 a tlhabela batho ba lapa la gagwe mokgosi, a ba raya a re: “Bonang, Photifare o re tliseditse monna wa Mohebere gore a re sotle. O tlile kwa go nna a re, o robala le nna. Mme ka goa ka lentswe le legolo. 15 Mme ya re a utlwa ke tlhatlosa lentswe, ke goa, a tlogela seaparo sa gagwe fa go nna, a tshabela kwa ntle.” 16 Jaanong a baya seaparo sa gagwe fa thoko ga gagwe go fitlhelela mongwagwe a goroge, 17 a mmolelela mafoko ona ao a re: “Motlhanka yo wa Mohebere yo o mo tlisitseng fa go rona, o tlile kwa go nna go ntshotla. 18 Mme ya re ke tlhatlosa lentswe ke goa, a tlogela seaparo sa gagwe fa go nna, a tshabela kwa ntle.” 19 Jaanong ya re morena wa gagwe a utlwa mafoko a mosadi wa gagwe yo o neng a mo reile a re: “Motlhanka wa gago o ntiretse jaana le jaana,” a tuka bogale. 20 Mme morena wa ga Josefa a mo tshwara, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo felong fa bagolegwi ba kgosi ba golegelwang teng. Josefa a nna gona mo ntlong ya kgolegelo. 21 Mme Morena o ne a na le Josefa, a mo direla ka bopelotlhomogi, a dira gore a kgatlhe mookamedi wa ntlo ya kgolegelo. 22 Mme mookamedi wa ntlo ya kgolegelo a neela bagolegwi botlhe ba ba mo ntlong ya kgolegelo mo tisong ya ga Josefa. Tsotlhe tse di dirwang teng tsa dirwa ke ene. 23 Mookamedi wa ntlo ya kgolegelo o ne a sa tlhole a tlhokomela sepe se se mo tisong ya ga Josefa, ka Morena a na nae. Tse a neng a di dira Morena a di tsweletsa pele sentle. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa