Genese 37 - Setswana 1970Josefa le bomogolowe 1 Jakobe o ne a nna mo lefatsheng le rraagwe a neng a le moeng mo go lone, mo lefatsheng la Kanana. 2 Tse di diragaletseng Jakobe ke tse: E rile Josefa a le dinyaga di le 17, a disa letsomane le bomogolowe – ene a sa le mmotlana – a na le bomorwa Bileha le Silepa, basadi ba ga rraagwe. E ne e a tle e re fa a utlwa tse di bosula ka ga bone, Josefa a di sebele rraabo. 3 Mme Iseraele a rata Josefa bogolo go bomorwawe botlhe, ka e le ngwana wa botsofe jwa gagwe; a mo direla seaparo se seleele se se nang le mabogo. 4 Jaanong ya re bomogolowe ba bona, fa rraabo a mo rata bogolo go bone botlhe, ba mo tlhoa, ba se ka ke ba bua nae ka kagiso. 5 Josefa o kile a lora toro, a e bolelela bomogolowe; ke fa ba mo tlhoa bogolo go pele. 6 O ne a ba raya a re: “A ko lo utlwe ka ga toro e ke e lorileng. 7 Ke lorile re bofa dingata kwa tshimong, ka bona ngata ya me e tsoga e ema, ka bona dingata tsa lona di dikanyetsa ngata ya me, di e ikobela.” 8 Ke fa bomogolowe ba mo raya ba re: “A o a re, o tla nna kgosi ya rona? A tota o rata go re busa?” Mme letlhoo la bone la oketsega ka ntlha ya ditoro tsa gagwe le mafoko a gagwe. 9 A boela a lora toro gape, a e bolelela bomogolowe a re: “Ke lorile toro gape, ka bona letsatsi le ngwedi le dinaledi di le 11 di nkobamela.” 10 Ya re a bolelela rraagwe le bomogolowe jalo, rraagwe a mo kgalemela, a mo raya a re: “Toro e ke ya eng e o e lorileng? A o a re, nna le mmaago le bomogoloo re tle tota, re inamele fatshe fa pele ga gago?” 11 Bomogolowe ba mo fufegela, mme rraagwe a boloka dilo tseo mo pelong. Josefa o a rekisiwa, a isiwa kwa Egepeto 12 E kile ya re bomogolowe ba ile go fudisa letsomane la ga rraabo kwa Šegeme, 13 Iseraele a raya Josefa a re: “A ga ke re, bomogoloo ba fudisa kwa Šegeme? Tlaya, ke go rome kwa go bone.” A mo araba a re: “Ke fano.” 14 Jakobe a mo raya a re: “A ko o ye o bone gore bomogoloo ba phela jang, le diruiwa di phela jang; o tle o boe o mpolelele.” A mo roma jalo. Mme Josefa a tloga fa mokgatsheng wa Heberone, a ya a fitlha kwa Šegeme. 15 Jaanong monna mongwe a mmona a ntse a kgarakgatshega mo nageng; monna yoo a mmotsa a re: “O batlang?” 16 A araba a re: “Ke batla bonkgonne. A ko o mpolelele gore ba fudisa kae?” 17 Monna yoo a re: “Ba tlogile fa. Ke ba utlwile ba re: ‘A re yeng kwa Dothane!’ ” Josefa a latela bomogolowe, a ba fitlhela kwa Dothane. 18 Jaanong ya re ba mmona a sa le kgakala, a ise a ba atamele, ba mo logela maano a go mmolaya; 19 ba raana ba re: “Bonang, rra-ditoro ke yole, o e tla. 20 Re tle re mmolaeng, re mo latlhele mo sedibeng sengwe. Re tla re, o jelwe ke sebata. Re tla bona gore ditoro tsa gagwe di tla dirafala jang!” 21 Ya re Rubene a utlwa jalo, a mo golola mo diatleng tsa bone a re: “A re se mmolaeng!” 22 Rubene a ba a ba raya a re: “Se tsholeleng madi! Mo latlheleng mo sedibeng se se mo sekakeng, mme lo se ka lwa mmolaya.” A re jalo gore a mo golole mo diatleng tsa bone, a mmusetse kwa go rraagwe. 23 Jaanong ya re Josefa a sena go fitlha kwa go bomogolowe, ba mo apola seaparo, e bong sele se seleele se se nang le mabogo se a se apereng. 24 Ba mo tsaya, ba mo latlhela mo sedibeng. Mme sediba seo sa bo se kgadile, go se na metsi mo go sona. 25 Jaanong ba nna fa fatshe, ba ja. Ya re ba tlhatlosa matlho, ba bona go tla lesomo la Baisemaele, ba tswa kwa Gileate. Dikammele tsa bone tsa bo di rwele boroku le ditlhare le ditlolo tse di nkgang monate, ba di isa kwa Egepeto. 26 Ke fa Juta a raya bomorwa-rraagwe a re: “Go tla re thusa eng, fa re bolaya monnaa-rona, re loba madi a gagwe? 27 A re mo rekiseng mo Baisemaeleng, mme a diatla tsa rona di se ka tsa mmolaya, gonne ke monnaa-rona le nama ya rona.” Bomorwa-rraagwe ba dumalelana nae. 28 Jaanong ya re go feta barekisi ba Bamidiane, bomogoloa Josefa ba mo goga, ba mo ntsha mo sedibeng, ba rekisa Josefa mo go Baisemaele ka diselefera di le 20; mme bone ba ya le ene kwa Egepeto. 29 Ya re Rubene a boela kwa sedibeng, a fitlhela Josefa a se yo mo go sona. Ke fa a ikgagola diaparo, 30 a boela kwa go bomonnawe a re: “Mosimane ga a yo. Mme nna ke tla ya kae?” 31 Mme ba tsaya seaparo sa ga Josefa, ba tlhaba phoko, ba ina seaparo mo mading, 32 ba se romela kwa go rraabo, ba se fitlhisa mo go ene ba re: “Ke se re se thwetseng. A ko o se sekaseke, o bone gore a ke seaparo sa ga morwao gongwe nnyaya.” 33 Ya re a se bona, a re: “Ke seaparo sa ga morwaake. Sebata se mo jele! Ee, ruri Josefa o gagogantswe!” 34 Ke fa Jakobe a ikgagola diaparo, a apara lesela la bohutsana lethekeng, a hutsafalela morwawe malatsi a mantsi. 35 Bomorwawe botlhe le bomorwadie botlhe ba nanoga, ba re ba mo gomotsa, mme a gana go gomotsega a re: “Nnyaya! Ke tla fologela kwa go morwaake kwa felong ga baswi ke ntse ke hutsafetse.” A mo lelela jalo. 36 Jaanong Bamidiane ba rekisa Josefa kwa Egepeto mo go Photifare, modiredi wa ga Farao, tlhogo ya bafemedi ba kgosi. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa