Genese 29 - Setswana 1970Jakobe o goroga kwa go Labane 1 Jakobe a wela tseleng, a ya kwa lefatsheng la ba botlhabatsatsi. 2 Ya re a lebaleba, a bona sediba mo nageng le matsomane a le mararo a bothile fa go sona. Gonne ba ne ba nosa matsomane ka go gelela mo sedibeng seo. Sediba sa bo se khurumetswe ka letlapa le legolo. 3 E ne e tle e re fa matsomane otlhe a sena go phuthegela teng, ba pitikolole letlapa, ba le tlose mo molomong wa sediba, ba nose matsomane; morago ba busetse letlapa gape mo mannong a lone mo molomong wa sediba. 4 Jaanong Jakobe a ba botsa a re: “Ba ga etsho, lo tswa kae?” Ba re: “Re tswa kwa Harane.” 5 A ba a ba botsa a re: “A lo itse Labane, morwa Nahore?” Ba re: “Re a mo itse.” 6 A ba botsa gape a re: “A o phela sentle?” Ba re: “Ee, o phela sentle. Le gona, bona, Ragele morwadie ke yole, o tla le dinku!” 7 Ke fa a re: “E sa le motshegare o mogolo. Ga e ise e be nako ya go phutha diruiwa. Nosang dinku, lo be lo ye lo di fudise.” 8 Ba re: “Re a palelwa, ka go ise go phuthege matsomane otlhe; fa badisa ba le mmogo, ba kgona go pitikolola letlapa, ba le tlosa mo molomong wa sediba, ke gona re tla nosang dinku.” 9 Ya re a sa ntse a bua nabo, Ragele a tla ka dinku tse e leng tsa ga rraagwe, gonne a ne a di disa. 10 Mme ya re Jakobe a bona Ragele, morwadia Labane malomaagwe le dinku tsa ga Labane malomaagwe, Jakobe a atamela, a pitikolola letlapa, a le tlosa mo molomong wa sediba, a nosa dinku tsa ga Labane, malomaagwe. 11 Jakobe a ba a atla Ragele, a tsholetsa lentswe, a lela. 12 Jakobe a ba a bolelela Ragele gore ke ene wa losika lwa ga rraagwe le gore ke ene morwa Rebeka. Ke fa Ragele a siana, a bolelela rraagwe. 13 Jaanong ya re Labane a utlwela Jakobe setlogolo sa gagwe, a taboga, a mo kgatlhantsha, a mo tlamparela, a mo atla, a mo isa kwa lapeng la gagwe, mme ene a bolelela Labane tsotlhe tse di mo diragaletseng. 14 Ke fa Labane a raya Jakobe a re: “Ruri, o lesapo la me le nama ya me.” Jaanong Jakobe a nna kgwedi e le nngwe nae. Jakobe o direla Labane ka ntlha ya ga Ragele le Lea 15 Ke fa Labane a raya Jakobe a re: “Fa o le wa ga etsho, a o ka ntirela fela? Mpolelele gore tuelo ya gago e ka nna eng?” 16 Jaanong Labane o ne a na le bomorwadie ba le babedi, leina la yo mogolo e le Lea, la yo mmotlana e le Ragele. 17 Lea o ne a le matlho a a fokolang, mme Ragele a bopegile sentle, a le montle thata. 18 Ya re ka Jakobe a rata Ragele, a araba a re: “Ke tla go direla dinyaga tse supa ka ntlha ya ga Ragele, morwadio yo mmotlana.” 19 Labane a re: “Go molemo, fa ke mo naya wena, e seng monna o sele. Nna le nna.” 20 Jakobe a mo direla jalo dinyaga tse supa ka ntlha ya ga Ragele. Tsa nna mo go ene jaaka e kete ke malatsinyana fela, ka gonne o ne a mo rata. 21 Jaanong Jakobe a raya Labane a re: “Mphe mosadi wa me, gonne malatsi a me a go direla bogadi a fedile gore ke mo nyale.” 22 Ke fa Labane a laletsa batho botlhe ba felo foo, a dira moletlo. 23 Mme ya re go le maitsiboa, a tsaya morwadie Lea, a mo isa kwa go ene, mme Jakobe a tsena mo go ene. 24 Labane a ntsha Silepa, lelata la gagwe, a mo neela Lea morwadie go nna lelata la gagwe. 25 Ya re mo mosong Jakobe a fitlhela e le Lea, a raya Labane a re: “Ke eng se o se ntiretseng? A ga ke a go direla ka ntlha ya ga Ragele? O ntsieleditseng?” 26 Labane a mo araba a re: “Ga se mokgwa wa rona go ka nyadisa yo mmotlana pele ga yo mogolo. 27 Fetsa beke ya moletlo le yo, foo re tla go naya yole le ene ka ntlha ya tirelo e o tla e ntirelang dinyaga tse supa tse dingwe gape.” 28 Jakobe a dira jalo, a fetsa beke nae. Ke fa Labane a mo naya Ragele morwadie go nna mosadi wa gagwe. 29 Le gona Labane a ntsha Bileha, lelata la gagwe, a mo neela Ragele morwadie go nna lelata la gagwe. 30 Jakobe a tsena le kwa go Ragele, mme a mo rata bogolo go Lea. A mo direla dinyaga tse dingwe tse supa gape. Bana ba ga Jakobe 31 Ya re Morena a bona, fa Lea a nyadiwa, a mo naya bana, mme Ragele a nna moopa. 32 Lea a nna moimana, a tshola ngwana wa mosimane, a mo taya leina la Rubene. Gonne a re: “Morena o bonye pogisego ya me. Jaanong monna wa me o tla nthata.” 33 A ithwala gape, a tshola ngwana wa mosimane a re: “Morena o utlwile, fa ke sa ratiwe; ke ka moo o mphileng le ene yo.” A mo taya leina la Simeone. 34 A nna moimana gape, a tshola ngwana wa mosimane a re: “Jaanong monna wa me o tla nkgomarela, gonne ke mo tsaletse basimane ba le bararo.” Ka moo a mo taya leina la Lefi. 35 A nna moimana gape, a tshola ngwana wa mosimane a re: “Kajeno ke tla baka Morena.” Ka moo a mmitsa Juta. Jaanong a ema go belega. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa