Genese 22 - Setswana 1970Teko ya ga Aborahame. Setlhabelo sa kwa Moria 1 E rile morago ga ditirafalo tse, Modimo wa leka Aborahame, wa mo raya wa re: “Aborahame!” A araba a re: “Ke fano.” 2 Ke fa o re: “A ko o tsee morwao yo o esi yo ò mo ratang, ene Isaka, o ye kwa nageng ya Moria, o mo dire setlhabelo sa phiso teng mo go nngwe ya dithaba e ke tla e go supetsang.” 3 Ke fa Aborahame a phakela ka moso, a belesa esele ya gagwe, a tsaya batlhanka ba le babedi ba gagwe, le Isaka morwawe, ba ya nae; a fatsa dikgong tsa setlhabelo sa phiso; a tloga a ya kwa felong fa Modimo o go mmoleletseng. 4 Ka letsatsi la boraro Aborahame a tsholetsa matlho, a bona felo foo kgakala. 5 Ke fa Aborahame a raya batlhanka ba gagwe a re: “Salang fa le esele, mme nna le mosimane re tla ya fale; e tla re re sena go obamela, re boele kwano go lona.” 6 Aborahame a tsaya dikgong tsa setlhabelo sa phiso, a di rwesa Isaka morwawe; a tsaya molelo le thipa ka seatla; bona babedi ba sepela mmogo jalo. 7 Ke fa Isaka a raya Aborahame rraagwe a re: “Rra!” A araba a re: “Ke fano, morwaaka!” A ba a botsa a re: “Bona, molelo ke o, dikgong ke tse, mme kwana ya setlhabelo sa phiso e kae?” 8 Aborahame a araba a re: “Morwaaka, Modimo o tla ipatlela kwana ya setlhabelo sa phiso.” Bona babedi ba sepela mmogo jalo. 9 Ya re ba sena go fitlha kwa felong fa Modimo o go mmoleletseng, Aborahame a aga aletare teng, a aletsa dikgong, a bofa Isaka morwawe, a mmaya mo aletareng mo godimo ga dikgong. 10 Aborahame a ntsha letsogo, a tshwara thipa, a re o tlhaba morwawe. 11 Ke fa moengele wa Morena a mmitsa a le kwa legodimong a re: “Aborahame! Aborahame!” A araba a re: “Ke fano!” 12 A re: “O se ka wa baya letsogo mo mosimaneng, se mo dire sepe! Gonne jaanong ke a itse gore o boifa Modimo, ka o sa nkganela ka morwao yo o esi.” 13 Jaanong ya re Aborahame a tsholetsa matlho, a bona phelehu kwa morago ga gagwe, e tshwerwe dinaka mo sekhung. Aborahame a ya teng, a tsaya phelehu, a e dira setlhabelo sa phiso mo boemong jwa ga morwawe. 14 Aborahame a taya felo foo leina a re: “Morena-o-bonye”; ke ka moo ba sa ntseng ba bua ba re: “Mo thabeng ya Morena-o-bonye.” 15 Moengele wa Morena a bitsa Aborahame la bobedi a le kwa legodimong 16 a re: “Morena a re: Ke ikanne ka nna ka re: E re ka o dirile jalo, o sa nkganela ka morwao yo o esi, 17 ke tla go tshegofatsa thata, losika lwa gago ke tla lo ntsifatsa gagolo jaaka dinaledi tsa legodimo le jaaka motlhaba o o fa losing lwa lewatle. Losika lwa gago lo tla thopa metse ya baba ba lone. 18 Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka losika lwa gago, ka ntlha ya gore o utlwile lentswe la me.” 19 Ya baa gona Aborahame a boelang kwa batlhankeng ba gagwe; ba tloga ba ya mmogo kwa Bereseba. Mme Aborahame a nna teng. 20 Ya re morago ga dilo tseo, Aborahame a begelwa ga twe: “Bona, Mileka le ene o belegetse Nahore monnao bana. 21 E bong Use, morwawe wa ntlha le Buse monnawe, le Kemuele, rraagwe Arame 22 le Kesete le Haso le Philetaše le Itelafe le Bethuele.” 23 Mme Bethuele a tsala Rebeka. Mileka a belegela Nahore monnawe Aborahame ba ba robedi bao. 24 Mogadingwana wa gagwe yo leina la gagwe e leng Reuma, le ene a belega Teba le Kahame le Thahaše le Maaga. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa