Genese 20 - Setswana 1970Aborahame le Abimelege 1 Aborahame a huduga teng, a ya kwa lefatsheng la borwa, a nna fa gare ga Kateše le Sure, a ya go fudisa kwa Gerara . 2 Aborahame o ne a bolela ka ga Sara, mosadi wa gagwe, a re: “Ke kgaitsadie.” Ke fa Abimelege, kgosi ya Gerara, a roma, a tsaya Sara. 3 Mme Modimo wa tla kwa go Abimelege ka toro bosigo, wa mo raya wa re: “Bona, o tshwanetse go swa ka ntlha ya mosadi yo ò mo tsereng; gonne ke mosadi yo o nyetsweng ke monna.” 4 Mme Abimelege o ne a ise a mo atamele; ka moo a botsa a re: “Morena, a o tla bolaya le setšhaba se se siameng? 5 A ga ke re, Aborahame o ntheile a re: ‘Ke kgaitsadie.’ Le Sara a re: ‘Aborahame ke kgaitsadie.’ Ke dirile jalo ka pelo e e se nang molato le ka diatla tse di phepa.” 6 Modimo wa mo araba mo torong wa re: “Le nna ke itse, fa o dirile jalo ka bosenamolato jwa pelo ya gago. Nna ka nosi ke go thibetse gore o se ka wa nteofela; ke ka moo ke sa go leseletsang go mo ama. 7 Jaanong busetsa monna mosadi wa gagwe, gonne ene ke moporofeti. O tla go rapelela gore o phele. Mme fa o sa mo rebole, itse gore o tla swa tota, wena le ba ga eno botlhe.” 8 Abimelege a phakela mo mosong, a bitsa batlhanka botlhe ba gagwe, a bolela tsotlhe tse mo ditsebeng tsa bone; ke fa banna bao ba boifa thata. 9 Abimelege a ba a bitsa Aborahame, a mmotsa a re: “Kana o re diretseng? Ke go leofetse ka eng, fa o ntliseditse le bogosi jwa me boleo jo bogolo. O ntiretse tse di sa tshwanelang go dirwa.” 10 Abimelege a ba a botsa Aborahame a re: “O ne o ikaeletse eng, fa o dira jalo?” 11 Aborahame a araba a re: “Ke ne ke re: Ga go na poifo-Modimo mo felong fano; ba tla mpolaya ka ntlha ya mosadi wa me. 12 Le gona ke kgaitsadiake tota, ke morwadia rre, fela e seng morwadia mme; a ba a nna mosadi wa me. 13 Jaanong e rile Modimo o nkhudusa mo ntlong ya ga rre, o nkgarakgatsha, ka mo raya ka re: ‘Lorato lwa gago lo o tla ntirelang ka lone mo felong gongwe le gongwe kwa re tla fitlhang teng ke lo: O bolele ka ga me o re: O kgaitsadiake.’ ” 14 Ke fa Abimelege a tsaya dinku le dikgomo le batlhanka le malata, a di naya Aborahame; a ba a mmusetsa Sara, mosadi wa gagwe. 15 Abimelege a ba a re: “Bona, lefatshe la me le go atlanegetse, aga fela fa o ratang teng.” 16 A ba a raya Sara a re: “Bona, ke neile kgaitsadio diselefera di le 1 000. Bona, tsona di go busetsa tlotlo ya gago fa pele ga botlhe ba ba nang nao; o siamisitswe jalo fa pele ga botlhe.” 17 Jaanong ya re Aborahame a rapela Modimo jalo, Modimo wa fodisa Abimelege le mosadi wa gagwe le malata a gagwe, mo ba bileng ba belega gape. 18 Gonne Morena o ne a tswetse dipopelo tsa lelapa la ga Abimelege ka ntlha ya ga Sara, mosadi wa ga Aborahame. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa