Genese 16 - Setswana 1970Hagare le Isemaele 1 Sarai, mosadi wa ga Aborame, o ne a sa mmelegele bana; jaanong a na le lelata la Moegepeto, leina la lone e le Hagare. 2 Sarai o ne a raya Aborame a re: “A ko o bone, Morena o ntimile bana. Bogolo a ko o kopane le letata la me; ka gongwe nka bona bana ka ene.” Aborame a utlwisisa lentswe la ga Sarai. 3 Ke fa Sarai, mosadi wa ga Aborame, a tsaya Hagare wa Moegepeto lelata la gagwe, a mo neela Aborame, monna wa gagwe gore a nne mosadi wa gagwe. Ga dirafala jalo, fa Aborame a sena go nna dinyaga di le some mo lefatsheng la Kanana. 4 A kopana le Hagare, mme a ithwala. Ya re a ipona a ithwele, a nyatsa mohumagadi wa gagwe ka matlho. 5 Ke fa Sarai a raya Aborame a re: “Tshiamololo e, e ntirafalela ka ntlha ya gago. Ke nna ka nosi ke go neetseng lelata la me mo mabogong a gago, mme ya re le bona le le moimana, ka nyatsega mo matlhong a lone. A Morena a atlhole fa gare ga me le wena!” 6 Mme Aborame a raya Sarai a re: “Bona, lelata la gago le mo thateng ya gago; le direle se se siameng mo matlhong a gago.” Jaanong ya re Sarai a re o a le kokobetsa, la tshaba, la mo tlogela. 7 Ke fa moengele wa Morena a le fitlhela fa motsweding wa metsi mo sekakeng, kwa motsweding o o fa tseleng e e yang kwa Sure. 8 A botsa a re: “Hagare, lelata la ga Sarai, o tswa kae? O ya kae?” Ene a re: “Ke tlogetse Sarai, mohumagadi wa me, ka tshaba.” 9 Moengele wa Morena a mo raya a re: “Boela kwa mohumagading wa gago, o ikokobetse fa tlase ga seatla sa gagwe.” 10 Moengele wa Morena a ba a mo raya a re: “Losika lwa gago ke tla lo atisa thata thata, mo lo tla bong lo pale go ka balwa ka ntlha ya bontsi.” 11 Le gona moengele wa Morena a mo raya a re: “Bona, o moimana, o tla belega ngwana wa mosimane, o mo tee leina la Isemaele; gonne Morena o utlwile pogisego ya gago. 12 Ene e tla nna motho yo o tshwanang le esele ya naga. Seatla sa gagwe se tla lwa le botlhe. Diatla tsa botlhe di tla lwa nae. O tla nna mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya bomorwa-rraagwe botlhe.” 13 Ke fa Hagare a bitsa leina la Morena yo o buileng nae a re: “Ò Modimo o o mponang.” Gonne a re: “A le gona ke mo setse morago ka matlho fano yo o mponang?” 14 Ke ka moo sediba sele se bidiwang: “Sediba sa Mophedi-yo-o-mponang.” Kana se fa gare ga Kateše le Berete. 15 Hagare a belegela Aborame ngwana wa mosimane; morwawe yo Hagare a mmelegeng Aborame a mo taya leina la Isemaele. 16 Aborame o ne a le dinyaga di le 86, fa Hagare a mmelegela Isemaele. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa