Genese 12 - Setswana 1970Aborame o laelwa gore a hudugele kwa Kanana 1 Jaanong Morena a raya Aborame a re: “Tloga o tswe mo lefatsheng la ga eno, o tlogele ba ga eno le lelapa la ga rraago, o ye kwa lefatsheng le ke tla le go bontshang. 2 Ke tla go dira setšhaba se segolo, ke go tshegofatsa, ke tumisa leina la gago gore o nne tshegofatso. 3 “Ke tla tshegofatsa ba ba go tshegofatsang, ke hutsa ba ba go hutsang; ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka wena.” 4 Ke fa Aborame a tloga jaaka Morena a mo laetse. Lote a ya nae. Ya re Aborame a huduga kwa Harane, a bo a le dinyaga di le 75. 5 Aborame a tsaya Sarai, mosadi wa gagwe, le Lote, morwa monnawe, le dithuo tsa bone tse ba di bonyeng le makgoba a ba a rekileng kwa Harane. Ba huduga go ya kwa lefatsheng la Kanana, ba be ba fitlha kwa lefatsheng la Kanana. 6 Aborame a ralala lefatshe leo go fitlha kwa felong ga Šegeme le kwa setlhareng sa motherebinthe sa boitseanape. Mo metlheng eo ga bo go le Bakanana mo lefatsheng leo. 7 Ke fa Morena a iponatsa mo go Aborame a re: “Lefatshe le ke tla le naya ba losika lwa gago.” Jaanong Aborame a agela Morena yo o iponaditseng mo go ene aletare gona. 8 A ba a tloga teng, a ya kwa dithabeng tse di mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Bethele, a tlhoma tente ya gagwe teng, Bethele a le kwa bophirimatsatsi, mme Ai a le kwa botlhabatsatsi. Le gona moo a agela Morena aletare, a bitsa leina la Morena. 9 Morago ga moo Aborame a fetela pele, a ntse a tsamaela kwa borwa. 10 Go kile ga nna leuba mo lefatsheng leo, ke fa Aborame a ya kwa Egepeto go jaka gona; gonne leuba le ne le le legolo mo lefatsheng leo. 11 Jaanong ya re a le gaufi le go tsena mo Egepeto, a raya Sarai, mosadi wa gagwe, a re: “Kana o mosadi yo montle. 12 Jaanong e tla re Baegepeto ba go bona, ba re: ‘Ke ene mosadi wa gagwe,’ mme ba tla mpolaya, wena ba go lesa o phela. 13 O tle o ba ree o re, o kgaitsadiake gore ke tle ke tsholege ka ntlha ya gago, ke phele ka lebaka la gago.” 14 Jaanong ya re Aborame a tsena kwa Egepeto, Baegepeto ba bona mosadi ba re, o montle thata. 15 Le dikgosana tsa ga Farao tsa mmona, tsa mmoka fa pele ga Farao; ke fa mosadi yoo a isiwa kwa ntlong ya ga Farao. 16 Ene a direla Aborame tse di molemo ka ntlha ya gagwe, a bona dinku le dikgomo le diesele le makgoba a banna le a basadi, le diesele tse dinamagadi le dikammele. 17 Mme Morena a otla Farao le ba lapa la gagwe ka dikotlo tse dikgolo ka ntlha ya ga Sarai, mosadi wa ga Aborame. 18 Ke fa Farao a bitsa Aborame a re: “Ke eng se o se ntiretseng? Ke ka ntlha ya eng fa o sa mpolelela gore ke mosadi wa gago? 19 Ke ka ntlha ya eng fa o ne wa re: ‘Ke kgaitsadio’? Ka ba ka mo tsaya gore e nne mosadi wa me. Mme jaanong, bona, mosadi wa gago ke yo, mo tsee, o tsamae.” 20 Ke fa Farao a roma banna gore ba mo felegetse le mosadi wa gagwe le tsotlhe tse a nang natso. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa