Genese 11 - Setswana 1970Kago e e godimodimo ya kwa Babele 1 Pele lefatshe lotlhe la bo le na le puo e le nngwe fela le mafoko a le mangwe fela. 2 Mme ya re ba hudugela kwa ntlheng ya botlhabatsatsi, ba fitlhela lebala mo lefatsheng la Sineare, ba aga teng. 3 Ke fa ba raana ba re: “A re yeng re bope diekana, re di bese, di butswe!” Diekana tse e ne e le matlapa a bone, boka jwa mmu e le seretse sa bone sa go aga. 4 Ba re: “Tlayang a re ikageleng motse le kago e e godimo e setlhoa sa yona se fitlhang kwa legodimong gore re itirele leina le le tumileng, e se re gongwe ra phatlalala mo lefatsheng lotlhe.” 5 Ke fa Morena a fologa gore a bone motse oo le kago e e godimo eo, tse batho ba di agang. 6 Jaanong Morena a re: “Ruri, botlhe ke morafe o le mongwe fela wa puo e le nngwe fela. Selo se ke tshimologo ya tiro ya bone. Go tloga fa ga ba nke ba palelwa ke sepe se ba se akanyang. 7 Tlayang a re fologeleng teng, re tlhakatlhakanye puo ya bone gore ba se ka ba utlwana ka puo.” 8 Morena a ba phatlalatsa fa ba ne ba le teng, a ba falaletsa kwa dinageng tsotlhe tsa lefatshe. Ba khutla jalo go aga motse oo. 9 Ke ka moo o teilweng leina la Babele; gonne teng koo Morena o tlhakatlhakantse puo ya batho botlhe, Morena a ba falatsa le dinaga tsotlhe tsa lefatshe go tswa teng. Losika lwa ga Seme 10 Ba losika lwa ga Seme ke ba: Ya re Seme a le dinyaga di le 100, a tsala Arephagasadi, dinyaga di le pedi morago ga morwalela. 11 Ya re Seme a sena go tsala Arephagasadi, a phela dinyaga di le 500, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. 12 Arephagasadi o ne a phedile dinyaga di le 35 fa a tsala Sela. 13 Mme ya re Arephagasadi a sena go tsala Sela, a phela dinyaga di le 403, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. 14 Sela o ne a phedile dinyaga di le 30, fa a tsala Hebere. 15 Mme ya re Sela a sena go tsala Hebere, a phela dinyaga di le 403, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. 16 Hebere o ne a phedile dinyaga di le 34, fa a tsala Phelege. 17 Mme ya re Hebere a sena go tsala Phelege, a phela dinyaga di le 430, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. 18 Phelege o ne a phedile dinyaga di le 30 fa a tsala Rehu. 19 Mme ya re Phelege a sena go tsala Rehu, a phela dinyaga di le 209, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. 20 Rehu o ne a phedile dinyaga di le 32 fa a tsala Seruge. 21 Mme ya re Rehu a sena go tsala Seruge, a phela dinyaga di le 207, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. 22 Seruge o ne a phedile dinyaga di le 30 fa a tsala Nahore. 23 Mme ya re Seruge a sena go tsala Nahore, a phela dinyaga di le 200, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. 24 Nahore o ne a phedile dinyaga di le 29 fa a tsala Thara. 25 Mme ya re Nahore a sena go tsala Thara, a phela dinyaga di le 119, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. 26 Thara o ne a phedile dinyaga di le 70 fa a tsala Aborame le Nahore le Harane. Losika lwa ga Thara 27 Ba losika lwa ga Thara ke ba: Thara o ne a tsala Aborame le Nahore le Harane, Mme Harane a tsala Lote. 28 Mme Harane a swa pele ga rraagwe mo lefatsheng le a tsaletsweng mo go lone, kwa motseng wa Ure wa Kalatea. 29 Ke fa Aborame le Nahore ba tsaya basadi: Leina la mosadi wa ga Aborame ke Sarai; leina la mosadi wa ga Nahore ke Mileka, morwadia Harane, yo e leng rraagwe Mileka le Iseka. 30 Sarai ene e ne e le moopa, a se na ngwana. 31 Jaanong Thara a tsaya Aborame morwawe, le Lote morwa Harane, morwa morwawe, le Sarai ngwetsi wa gagwe, mosadi wa ga Aborame morwawe, a huduga nabo, a tloga kwa Ure wa Kalatea, a re o ya kwa lefatsheng la Kanana; mme ba fitlha fela kwa Harane, ba aga teng. 32 Jaanong Thara a swela kwa Harane, a le dinyaga di le 205. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa