Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Esetere 6 - Setswana 1970


Hamane o na le go tlotla Moretogai ka taelo ya kgosi

1 Bosigo joo kgosi ya tlhofaela, ya laela gore go tsisiwe lokwalo lwa segopotso lwa ditirafalo tsa malatsi. Jaanong ya re di buisiwa fa pele ga kgosi,

2 ga fitlhelwa go kwadilwe jaaka Moretogai a kile a bega Bikethana le Therese, badiredi ba babedi ba lapa la kgosi, bangwe ba badisa ba mojako ba ba neng ba batlile go bolaya kgosi Ahasewerose.

3 Ke fa kgosi e botsa e re: “Moretogai o lebogilwe ka eng a godisiwa ka eng ka ntlha ya tseo?” Batlhanka ba kgosi ba ba e direlang ba araba ba re: “Ga a ka a direlwa sepe.”

4 Kgosi ya ba ya re: “Ke mang yo o tsenyeng mo lapeng?” E ne e le gona Hamane a tsenang mo lapeng la ka fa ntle la ntlo ya kgosi, a tla go raya kgosi gore Moretogai a pegwe mo koteng e a e mmaakanyeditseng.

5 Mme batlhanka ba kgosi ba e raya ba re: “Ke Hamane, o eme mo lapeng.” Kgosi ya re: “A a tsene.”

6 Ya re Hamane a sena go tsena, kgosi ya mmotsa ya re: “Monna yo kgosi e ratang go mo tlotla o ka direlwang?” Ke fa Hamane a ithaya pelong a re: “E ka nna mang yo kgosi e ratang go mo naya tlotlo fa e se nna.”

7 Ka moo Hamane a raya kgosi a re: “Monna yo kgosi e ratang go mo tlotla

8 a a tsisediwe seaparo sa bogosi se kgosi e a tleng e se apare le pitse e kgosi e a tleng e e palame, e rwesiwe serwalo sa bogosi mo tlhogong.

9 Mme seaparo seo le pitse eo di neelwe mo seatleng sa mongwe wa dikgosana tsa kgosi tse di tlotlegang gore ene a se apese monna yo kgosi e ratang go mo tlotla, a be a mo ralatse patlelo ya motse a palame pitse, a be a tlhabe mokgosi fa pele ga gagwe a re: ‘Monna yo kgosi e ratang go mo tlotla o direlwa jalo.’ ”

10 Ke fa kgosi e raya Hamane e re: “Akofa ò tsee seaparo le pitse jaaka o buile, o direle Moretogai wa Mojuta jalo yo o dutseng mo kgorong ya kgosi. O se ka wa tlhaetsa sepe sa tsotlhe tse o di buileng.”

11 Hamane a ya a tsaya seaparo le pitse, a se apesa Moretogai, a ba a mo palamisa pitse, a mo tsamaisa mo patlelong ya motse, a opa mokgosi fa pele ga gagwe a re: “Monna yo kgosi e ratang go mo tlotla o direlwa jalo.”

12 Morago ga moo Moretogai a boela kwa kgorong ya kgosi, mme Hamane a itlhaganela go ya kwa ntlong ya gagwe a hutsafetse, a ikhurumeditse tlhogo.

13 Hamane a ba a bolelela Serese, mosadi wa gagwe, le ditsala tsotlhe tsa gagwe dilo tsotlhe tse di mo dirafaletseng. Ke fa batlhalefi ba gagwe le Serese, mosadi wa gagwe, ba mo raya ba re: “Fa Moretogai yo ò simolotseng go wa fa pele ga gagwe e le Mojuta, ga o ka ke wa ba wa mo kgona, mme o tla wela ruri fa pele ga gagwe.”

14 Ya re ba sa ntse ba bua nae, ga goroga badiredi ba lapa la kgosi, ba potlaka go isa Hamane kwa moletlong o Esetere o o dirileng.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan