Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Esetere 3 - Setswana 1970


Maano a ga Hamane a go bolaya Bajuta

1 Morago ga ditirafalo tseo kgosi Ahasewerose a godisa Hamane, morwa Hametatha oora Agage; a mo dira yo mogolo, sedulo sa gagwe sa okama tsa dikgosana tsotlhe tse di neng di na nae.

2 Mme batlhanka botlhe ba kgosi ba ba neng ba le mo kgorong ya kgosi ba khubamela le go ikobela Hamane; gonne kgosi e ne e laetse jalo ka ga gagwe. Mme Moretogai a se ka a khubama le e seng go ikoba.

3 Ke fa batlhanka ba kgosi ba ba neng ba le mo kgorong ya kgosi ba botsa Moretogai ba re: “Ke ka ntlha ya eng fa o gana taolo ya kgosi?”

4 Ya re ba ntse ba bua jalo nae ka letsatsi le letsatsi, mme ene a sa ba utlwe, ba begela Hamane go bona gore, a mabaka a ga Moretogai a tla lekana; gonne o ne a ba boleletse fa ene e le Mojuta.

5 Ya re Hamane a bona Moretogai a sa mo khubamele le e seng go mo ikobela, a betwa ke pelo.

6 Mme o ne a galala go ka bolaya Moretogai a le esi; gonne ba ne ba mo itsisitse morafe wa ga Moretogai; mme Hamane a batla go nyeletsa Bajuta botlhe ba ba mo pusong yotlhe ya ga Ahasewerose, ka e le morafe wa ga Moretogai.

7 Ka kgwedi ya ntlha, ke kgwedi ya Nisane, ngwageng wa 12 wa puso ya kgosi Ahasewerose ba tlhama Phure, ke tengwa, fa pele ga Hamane, ba e tlhamela letsatsi lengwe le lengwe le kgwedi nngwe le nngwe, mme tengwa ya supa letsatsi la 13 la kgwedi ya 12, ke kgwedi ya Atare.

8 Ke fa Hamane a raya kgosi Ahasewerose a re: “Go na le morafe mongwe o o faletseng, o o lomologanyeng le ba bangwe mo gare ga merafe mo mafatsheng otlhe a puso ya gago. Mme melao ya ona ga e tshwane le ya morafe ope. Le gona ga ba dire ka fa melaong ya kgosi. Kana ga go a tshwanela kgosi go ba lesa jalo.

9 Fa go siametse kgosi, a go kwalwe taelo ya gore ba nyelediwe. Foo ke tla lekanyetsa mo diatleng tsa batlhanka ba kgosi ditalente tsa selefera di le 10 000 go di tsenya mo letloleng la kgosi.”

10 Ke fa kgosi e rola palamonwana e e kanang ka yona mo seatleng sa yona, ya e neela Hamane, morwa Hametatha oora Agage, mmaba wa Bajuta.

11 Kgosi ya ba ya raya Hamane ya re: “Selefera o a e fiwa le ona morafe, o a letlelelwa go dira ka ona ka fa o ratang ka teng.”

12 Ke fa go bidiwa bakwaledi ba kgosi ka letsatsi la 13 la kgwedi ya ntlha, mme ga nna fela jaaka go laetse Hamane, ga kwalelwa babusi ba bagolo ba kgosi le balaodi ba lefatshe lengwe le lengwe le dikgosana tsa morafe mongwe le mongwe; lefatshe lengwe le lengwe ka fa mokwalong wa lone le morafe mongwe le mongwe mo puong ya ona; ga kwalwa ka leina la kgosi Ahasewerose, ga kanwa ka palamonwana e e kanang ya kgosi.

13 Ga ba ga romelwa dikwalo ka batabogi kwa mafatsheng otlhe a kgosi tse di reng: “A go nyelediwe, go bolawe, go fedisiwe Bajuta botlhe, basimane le banna bagolo le bana le basadi ka letsatsi le le lengwe ka kgwedi ya 12 e le 13, e bong kgwedi ya Atare, mme ba thukhuthiwe di-tsa-bone.”

14 Lokwalo loo lo ne lo tshwanetse go ntsifadiwa, lwa dirwa molao mo lefatsheng lengwe le lengwe, lwa ba lwa itsisiwe merafe yotlhe mo ponatshegong gore ba ipaakanyetse letsatsi leo.

15 Batabogi ba bolola ka potlako ka taelo ya kgosi, mme molao oo wa begwa kwa Susane motseng o o femetsweng wa kgosing. Kgosi le Hamane bone ba ne ba nnetse go nwa, mme motse wa Susane ona wa rerega.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan