Esetere 1 - Setswana 1970Mohumagadi Wasethi o nyatsa kgosi Ahasewerose 1 Go kile ga dirafala mo metlheng ya ga Ahasewerose – ke ene Ahasewerose yo o neng a busa mafatshe a le 127 go simolola kwa India go ya go fitlha kwa Ethiopia – 2 mo metlheng eo ya re kgosi Ahasewerose a dutse mo sedulong sa bogosi jwa gagwe kwa Susane motseng wa kgosing o o femetsweng. 3 Ka ngwaga wa boraro wa puso ya gagwe a direla dikgosana tsotlhe tsa gagwe le batlhanka ba gagwe moletlo. Le balaodi ba mephato ya Peresia le Media le batlotlegi le baokamedi ba mafatshe ba bo ba le fa pele ga gagwe. 4 Ke fa a bontsha khumo le kgalalelo ya bogosi jwa gagwe le bontle jwa mokgabo wa bogolo jwa gagwe malatsi a mantsi, malatsi a le 180. 5 Jaanong ya re malatsi ao a sena go feta, kgosi ya direla batho botlhe ba ba neng ba le kwa Susane motseng o o femetsweng, ba bagolo le ba bannye, moletlo malatsi a supa mo lebaleng le le fa pele ga tshimo ya ditlhare ya ntlo ya borena ya kgosi. 6 Masela a mantle a masweu le a mabududu a ne a lepeleditswe, a tshwerwe ka dithapo tsa masela a masweu le a mahibidu mo melepong ya selefera fa maotwaneng a legakwa le lesweu. Ditulo tsa mesamo tsa gouta le selefera di ne di eme mo boalong jwa matlapa a magakwa a matala le a masweu le a mebala e mengwe. 7 Ba nosa ka dinwelo tsa gouta tsa mefutafuta. Go ne go le weine e ntsi ya kgosi jaaka go tshwanela moletlo wa kgosi. 8 Go ne go nowa ka fa taelong ya gore go se thibelwe ope; gonne kgosi e ne e laetse baokamedi botlhe ba lapa la yona jalo gore go dirwe ka fa mongwe le mongwe a itumelang ka teng. 9 Le mohumagadi Wasethi a direla basadi moletlo mo ntlong ya borena ya kgosi Ahasewerose. 10 Mme ya re ka letsatsi la bosupa pelo ya kgosi e thabile ka weine, ya laela Mehumane le Bisetha le Harebona le Bigetha le Abagetha le Sethare le Karekase, badiredi ba supa ba ba neng ba tlhokomela kgosi Ahasewerose fela 11 gore ba ye go bitsa mohumagadi Wasethi gore a tle fa pele ga kgosi, a rwele serwalo sa bogosi gore e tle e bontshe merafe le dikgosana bontle jwa gagwe; gonne o ne a le montle. 12 Mme mohumagadi Wasethi a gana go tla ka fa taelong ya kgosi e e mo rometseng ka badiredi. Ke fa kgosi e galefa thata, e tuka bogale. 13 Kgosi ya ba ya ipua le batlhalefi ba ba itseng dipaka; – gonne dikgang tsa kgosi di ne di bewa jalo fa pele ga bone botlhe ba ba itseng molao le tshiamo. 14 Ba ba neng ba le gaufi le yona e ne e le Karesena le Sethare le Atematha le Tharesise le Merese le Maresena le Memugane, dikgosana tse supa tsa Peresia le Media tse di nnang le kgosi, di e tlhomaganela mo pusong – 15 ya botsa ya re: “Ka fa molaong go ka dirwang ka mohumagadi Wasethi, ka a ganne go dira ka fa taelong ya kgosi Ahasewerose e a e amogetseng ka badiredi ba lapa la kgosi?” 16 Ke fa Memugane a araba fa pele ga kgosi le dikgosana a re: “Mohumagadi Wasethi ga a ka a leofela kgosi e le yosi fela, mme o leofetse dikgosana tsotlhe le merafe yotlhe e e mo mafatsheng otlhe a kgosi Ahasewerose. 17 Gonne go dira jaana ga mohumagadi go tla utlwiwa ke basadi botlhe, go dira banna ba bone banyatsegi, ka ba tla re: ‘Kgosi Ahasewerose o laetse gore a bilediwe Wasethi mohumagadi, mme a gana go tla.’ 18 Go tloga gompieno bahumagadi ba dikgosana tsa Peresia le Media ba ba utlwetseng tiro e ya mohumagadi ba tla e bolela dikgosana tsotlhe tsa kgosi, mme go tla nna lonyatso le kgopisego fela. 19 Fa go siametse kgosi, a go tswe taolo ya bogosi mo go yona, mme e kwalwe mo lokwalong lwa melao ya Peresia le Media, mo e sa ka keng ya fetoga e e reng: ‘A Wasethi a se ka a tlhola a tla fa pele ga kgosi Ahasewerose! Mme bohumagadi jwa gagwe kgosi e bo neele mongwe-ka-ene yo o siameng bogolo go ene.’ 20 Jaanong fa molao o kgosi e o bayang o utlwala mo mafatsheng otlhe a yona – kana a mantsi – foo basadi botlhe ba tla tlotla banna ba bone, ba bagolo le ba bannye.” 21 Lefoko leo le ne la kgatlha kgosi le dikgosana, mme kgosi ya dira ka fa lefokong la ga Memugane. 22 Ya ba ya romela dikwalo kwa mafatsheng otlhe a kgosi, kwa lefatsheng lengwe le lengwe ka fa mokwalong wa lone le kwa morafeng mongwe le mongwe ka fa puong ya ona gore monna mongwe le mongwe a buse mo ntlong ya gagwe, a bue segagabo. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa