Esere 7 - Setswana 1970Esera o goroga kwa Jerusalema 1 Morago ga ditirafalo tseo pusong ya ga Arethašasetha kgosi ya Peresia ga tla Esera morwa Seraya morwa Asaria morwa Hilekia 2 morwa Sadume morwa Satoke morwa Ahitube 3 morwa Amaria morwa Asaria morwa Merayothe 4 morwa Seragia morwa Usi morwa Bukhi 5 morwa Abisua morwa Phinehase morwa Eleasare morwa Arone moperesiti yo mogolo. 6 Esera yoo a tla a tswa kwa Babele, e le motho yo o rutegileng mo dikwalong, a itse molao wa ga Moše sentle o o neng o beilwe ke Morena, Modimo wa Iseraele. Mme kgosi ya mo naya tsotlhe tse o di batlang, ka seatla sa Morena, Modimo wa gagwe, se ne se mo okame. 7 Bangwe ba Baiseraele le ba baperesiti le ba Balefi le ba baopedi le ba badisa ba dikgoro le ba batlhanka ba Tempele ba tla nae kwa Jerusalema ka ngwaga wa bosupa wa kgosi Arethašasetha. 8 Esera a fitlha kwa Jerusalema ka kgwedi ya botlhano ya ngwaga wa bosupa wa kgosi. 9 Ya re ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya ntlha a rulaganya khudugo kwa Babele, mme ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya botlhano a goroga mo Jerusalema, ka Modimo o o molemo wa gagwe o ne o mo eme nokeng. 10 Gonne Esera o ne a ikaeletse ka pelo go batlisisa molao wa Morena le go dira ka ona le go ruta molao le tshiamo mo Baiseraeleng. Arethašasetha o naya Esera lokwalo lwa ditaelo 11 Mafoko a lokwalo lo kgosi Arethašasetha o neng a lo neela Esera moperesiti moitsedikwalo morutegi mo mafokong a ditaolo tsa Morena le a melao ya gagwe mo Iseraeleng ke a: 12 “Arethašasetha kgosi ya dikgosi go Esera moperesiti morutegi wa dikwalo tsa molao wa Modimo wa Legodimo: Kagiso e e tletseng! 13 Ke ntshitse taelo ya go re, mongwe le mongwe pusong ya me wa morafe wa Iseraele le wa baperesiti ba ona le wa Balefi yo o ratang go ya kwa Jerusalema a ye nao, 14 fela jaaka o romilwe ke kgosi le banna ba lekgotla la yona ba supa go tlhotlhomisa Juta le Jerusalema ka molao wa Modimo wa gago o ò o tshotseng 15 le go isa selefera le gouta teng tse kgosi le banna ba lekgotla la yona ba di ntsheditseng Modimo wa Iseraele ka bopelotshweu, o moago wa ona o leng kwa Jerusalema, 16 le selefera le gouta tsotlhe tse o tla di amogelang mo nageng yotlhe ya Babele mmogo le dineo tsa boitumelelo tsa morafe le tsa baperesiti tse ba tla di ntshetsang Ntlo ya Modimo wa bone e e kwa Jerusalema. 17 Ka moo o reke dipoo le diphelehu le dikwana le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa teng ka madi a ka tlhokomelo, o di tlhabele mo aletareng ya Ntlo ya Modimo wa lona kwa Jerusalema. 18 Fa selefera le gouta di ka sala, lo di dirise ka fa go lo siametseng ka teng ka fa thatong ya Modimo wa lona. 19 Le dilwana tse o di neelwang tsa tirelo-Modimo mo Ntlong ya Modimo wa gago o di fitlhise di le mmogo fa pele ga Modimo wa Jerusalema. 20 Mme dilo tse dingwe tse di ka tlhaelang mo Ntlong ya Modimo wa gago, tse o tshwanetseng go di e batlela, o di lefe ka madi a letlole la kgosi. 21 Ke nna kgosi Arethašasetha ke laelang baokamedi botlhe ba mahumo ba ba ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe gore tsotlhe tse Esera, moperesiti morutegi mo molaong wa Modimo wa legodimo, o tla di kopang mo go lona, a di dirwe ka go akofa, 22 go ya go fitlha ditalenteng di le lekgolo tsa selefera le dikgetseng di le lekgolo tsa mabele le dinkgong di le lekgolo tsa weine le dinkgong di le lekgolo tsa lookwane le letswai le le se nang seelo. 23 Tsotlhe tse di batlegang ka fa molaong wa Modimo wa legodimo a di direlwe Ntlo ya Modimo wa legodimo ka tlhoafalo, e se re gongwe bogale jwa wela mo pusong ya kgosi le bomorwaa-yona. 24 Mme lo itsisiwe gore ga go na ope yo o letlelelwang go lefisa mongwe wa baperesiti le Balefi le baopedi le badisa ba dikgoro le batlhanka ba Tempele le badiredi ba Ntlo ya Modimo lekgetho le kabelo ya thobo le lekgetho la tsela. 25 “Mme wena Esera, dira ka fa botlhaleng jwa molao wa Modimo wa gago o ò o tshotseng, o tlhome babusi le baatlhodi gore ba direle morafe otlhe tshiamo o o mo ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe, e bong botlhe ba ba itseng melao ya Modimo wa gago; mme ba ba sa e itseng lo e ba rute. 26 Mme mongwe le mongwe yo o sa direng ka molao wa Modimo wa gago le ka molao wa kgosi, a a atlholwe ka pele ka go bolawa gongwe ka go lelekwa gongwe ka go amogwa di-tsa-gagwe gongwe ka go tsenngwa mo ntlong ya kgolegelo.” Esera o boka Modimo 27 “A go bakwe Morena Modimo wa borraetsho o o tsentseng tse di ntseng jalo mo pelong ya kgosi gore e kgabise Ntlo ya Morena e e kwa Jerusalema; 28 wa sekamisetsa bopelotlhomogi jwa kgosi go nna le jwa banna ba lekgotla la yona le jwa dikgosana tsotlhe tse di thata tsa yona. Ke fa ke nna pelokgale, ka Morena, Modimo wa me, o ne o nkeme nokeng, ka ba ka phutha ditlhogo tsa Baiseraele gore di ye le nna kwa Jerusalema.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa