Esere 4 - Setswana 1970Basamaria ba thibela kago ya Tempele 1 Mme e rile baganetsi ba Juta le Benyamene ba utlwa gore ba ba tswang botshwarong ba aga Tempele ya Morena, Modimo wa Iseraele, 2 ba atamela Serubabele le ditlhogo tsa dikgoro, ba ba raya ba re: “Nteng re ageng le lona; gonne re batla Modimo wa lona jaaka lona, e bile ke ona o re ntseng re o direla ditlhabelo go tloga malatsing a ga Esarehatone kgosi ya Asiria e e re huduseditseng ntlha eno.” 3 Mme Serubabele le Jesua le ditlhogo tse dingwe tsa dikgoro tsa Baiseraele ba ba araba ba re: “Ga go a lo tshwanela go aga Ntlo ya Modimo wa rona mmogo le rona, mme rona re tla agela Morena, Modimo wa Iseraele, re le rosi jaaka Korese kgosi ya Peresia e re laetse.” 4 Ke fa morafe wa lefatshe o repisa mabogo a morafe wa Juta, wa o tshabisa go aga. 5 Le gona ba ba senyetsa ka go rapa bagakolodi gore ba senye maikaelelo a bone kwa kgosing malatsing otlhe a ga Korese kgosi ya Peresia le go fitlha pusong ya ga Dario kgosi ya Peresia. Baganetsi ba gana gore Jerusalema o tsosiwe 6 Mo metlheng ya puso ya ga Ahasewerose, tshimologong ya puso ya gagwe, ba kwala lokwalo lo lo tebang baagi ba Juta le Jerusalema. 7 Mo metlheng ya ga Arethašasetha, kgosi ya Peresia, Biselame le Mitheretathe le Tabeele le balekane ba bangwe ba gagwe ba kwalela Arethašasetha kgosi ya Peresia; mafoko a lokwalo loo a ne a kwadilwe ka Sesiria, a bile a fetotswe. Ka Sesiria go ne go twe: 8 Rehume molaodi le Simesai mokwaledi ba ne ba kwalela kgosi Arethašasetha lokwalo ka ga Jerusalema lo lo reng: 9 “Rona Rehume, molaodi, le Simesai, mokwaledi, le balekane botlhe ba bone, e bong Badinai le Baafaresathegai le Batarephelai le Baperesia le batho ba Erege le ba Babele le ba Susa, ke go re, Baelame 10 le ba merafe e mengwe, ba Asenaphare yo mogolo yo o tumileng o neng a ba hudusa, a ba baya mo metseng ya Samaria le mo dinageng tse dingwe ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe re kwala jaana.” 11 Mme mafoko a lokwalo lo ba lo mo rometseng ke a a reng: “Go Arethašasetha kgosi, rona batlhanka ba gago le batho ba bophirimatsatsi jwa noka ya Ferathe ra re: 12 A go itsisiwe kgosi gore Bajuta ba ba tlogileng koo go wena, ba tlile kwano go rona kwa Jerusalema. Motse oo wa moferefere o o bosula ba a o aga, ba fetsa dipota, ba baakanya metheo. 13 Jaanong he, a go itsisiwe kgosi gore fa motse oo o ka agiwa le dipota tsa fediwa, ga ba kitla ba ntsha lekgetho le kabelo ya thobo le lekgetho la tsela, mme go dira jalo go tla fokotsa tse di amogelwang ke dikgosi. 14 Jaanong e re ka re jele letswai la ntlo ya borena, mme re sa tshwanela go leba go ya tlase ga kgosi fela, ke ka moo re rometseng lokwalo, ra itsise kgosi jalo 15 gore e batlisise mo lokwalong lwa ditirafalo tsa kgale tsa borraago; foo o tla bona mo go lone, o lemoga gore motse oo ke motse wa moferefere o o senyeditseng dikgosi le dinaga; ba ne ba ntse ba tsosa leferetlho mo go ona go tloga bogologolo. Ke ka moo go sentsweng motse oo. 16 Re itsise kgosi gore fa motse oo o ka agiwa le dipota tsa ona tsa fediwa, gona o tla bo o sa tlhole o na le kabelo epe ya naga ka kwano ga noka Ferathe.” 17 Kgosi ya romela phetolo e e reng: “Go Rehume, molaodi, le Simesai, mokwaledi, le balekane ba bangwe ba bone ba ba agileng kwa Samaria le mo dinageng tse dingwe ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe: Madume! 18 Lokwalo lo lo lo re rometseng lo buisitswe fa pele ga me, ka lo utlwa. 19 Taelo ya ba ya tswa mo go nna, ka re ba batle, mme ba fitlhela motse oo o ne o ntse o tsogela dikgosi go tswa metlheng ya bogologolo, go bile go ntse go tsosiwa moferefere le borukhutlhi mo go ona. 20 Dikgosi tse di thata di ne di busa kwa Jerusalema, di busa naga yotlhe ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe, di ntshediwa lekgetho le kabelo ya thobo le lekgetho la tsela. 21 Jaanong laelang gore banna bao ba thibelwe, mme motse oo o se agiwe go tsamaya taelo e be e tswe mo go nna. 22 Ka moo itiseng lo se nne bonya mo tirong e, e se re gongwe tshenyego ya golela pele, ya senyetsa dikgosi.” 23 Jaanong ya re mafoko a lokwalo lwa ga Arethašasetha kgosi a sena go buisiwa fa pele ga Rehume molaodi le Simesai mokwaledi le balekane ba bone, ba ya ka potlako kwa Jerusalema kwa Bajuteng, ba feta ba ba emisa tirong ka thata le ka bogale. 24 Ke fa tiro e khutla ya go aga Ntlo ya Modimo kwa Jerusalema, ya ema go ya ngwageng wa bobedi wa puso ya ga Dario kgosi ya Peresia. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa