Esere 10 - Setswana 1970Basadi ba ba tswang ditšhabeng di sele ba busediwa kwa ga bone 1 Jaanong ya re Esera a ntse a rapela jalo, a ipobola, a lela a namaletse fa pele ga Ntlo ya Modimo, phuthego e kgolo thata ya Baiseraele ya phuthegela kwa go ene ya banna le basadi le bana; gonne batho ba ne ba lela ka selelo se segolo. 2 Mme Seganya morwa Jehiele oora Elame a simolola go bua, a raya Esera a re: “Re leofetse Modimo wa rona ka boikanyologo, ra nyala basadi ba sele ba merafe ya lefatshe. Mme tsholofelo e sa le teng ya gore Baiseraele ba ka tswa mo molatong oo. 3 Ka moo he, a re direng kgolagano le Modimo wa rona, re ipofe go busetsa basadi botlhe bao kwa ga bone le bana ba bone ka fa kgakololong ya mong wa me le ya ba ba boifang taolo ya Modimo wa rona. A go dirwe ka fa molaong. 4 Nanoga, gonne ke tiro ya gago, mme rona re tla nna nao. Tia o e dirafatse!” 5 Ke fa Esera a nanoga a ikanisa bagolo ba baperesiti le Balefi le Baiseraele botlhe gore ba tla dira ka fa lefokong leo. Ba ikana jalo. 6 Esera a ba a tloga fa pele ga Ntlo ya Modimo, a ya kwa ntlwaneng ya ga Johanane, morwa Eliasibe; a lala teng, a sa je dijo, le metsi a sa a nwe, ka a ne a hutsafaletse boikanyologo jwa ba ba boileng kwa botshwarong. 7 Jaanong ba tlhabela botlhe ba ba boileng kwa botshwarong mokgosi mo Juta le Jerusalema gore ba kgobokane kwa Jerusalema. 8 Ba be ba re: “Mongwe le mongwe yo o sa tleng malatsi a mararo a ise a fete ka fa go bofilweng ke dikgosana le bagolo ka teng, di-tsa-gagwe tsotlhe di tla senngwa di rogilwe ke Modimo, mme ene a kgaolwe mo phuthegong ya baboa-botshwarong.” 9 Ke fa banna botlhe ba Juta le Benyamene ba kgobokana kwa Jerusalema ka malatsi a mararo ao, e le ka kgwedi ya robongwe e le 20. Mme batho botlhe ba nna mo patlelong ya Ntlo ya Modimo, ba tetesela ka ntlha ya kgang eo le ka ntlha ya dipula. 10 Jaanong Esera moperesiti a ema a ba raya a re: “Lo dirile ka boikanyologo, lwa nyala basadi ba sele, lwa godisa molato wa Iseraele ka go dira jalo. 11 Ka moo he, ipoboleleng Morena, Modimo wa borraeno, molato wa lona, lo dire ka fa natefelong ya ona, lo ikgaoganye le merafe ya lefatshe le basadi ba sele.” 12 Ke fa phuthego yotlhe e araba e tlhatlositse mantswe e re: “Ke tshwanelo gore re dire ka fa lefokong la gago. 13 Fela batho ba bantsi, le sebaka ke sa dipula, go a pala go ka ema ka kwa ntle. E bile ga se tiro ya letsatsi le le lengwe le e seng ya malatsi a mabedi; gonne re dirile melato e mentsi e e ntseng jalo. 14 Tsweetswee a dikgosana tsa rona di emele phuthego yotlhe, mme a botlhe mo metseng ya rona ba ba nyetseng basadi ba sele ba tle ka dinako tse di beilweng, ba na le bagolo ba motse wa ga bone le baatlhodi ba ona go tsamaya bogale jwa Modimo wa rona jo bo re tukelang ka ntlha ya molato oo bo be bo re timele.” 15 E ne e le Jonathane morwa Asahele le Jasia morwa Thikwa fela ba ba ganneng mafoko ao; mme Mesulame le Sabethai Molefi ba goga nabo. 16 Mme baboa-botshwarong ba dira jaaka go kopilwe. Ga tlhaolwa Esera moperesiti le banna ba e leng ditlhogo tsa dikgoro tsa bone, botlhe ba bidiwa ka maina a bone, mme bao ba nnela kgang eo go simolola ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya some go e bua. 17 Mme ba fetsa dikgang tsa banna botlhe ba ba nyetseng basadi ba sele ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya ntlha. Maina a ba ba nyetseng basadi ba e seng Bajuta 18 Ga fitlhelwa bangwe ba bomorwa baperesiti ba ba nyetseng basadi ba sele: Mo go bomorwa Jesua, morwa Josatake, le mo go bomorwa-rraagwe e ne e le Maaseya le Eliesere le Jaribe le Ketalea. 19 Mme ba ipofa ka go fana diatla le bagolo gore ba tla tlhala basadi bao ba bone le go ntshetsa molato wa bone phelehu ya letsomane go nna setlhabelo sa molato. 20 Mo go boora Imere e ne e le Hanani le Sebatya. 21 Mo go boora Harime e ne e le Maaseya le Elia le Semaya le Jehiele le Usia. 22 Mo go boora Phašure e ne e le Eleyoenai le Maaseya le Isemaele le Nethanele le Josabate le Eleasa. 23 Mo Balefing e ne e le Josabate le Simei le Kelaya (ke ene Keleta) le Phethaya le Juta le Eliesere. 24 Mo baopeding e ne e le Eliasibe; mo badiseng ba dikgoro e ne e le Sadume le Teleme le Uri. 25 Ba Baiseraele: Mo go boora Pharoše e ne e le Ramia le Isia le Malekhia le Miyamine le Eleasare le Malekhia le Benaya. 26 Mo go boora Elame e ne e le Mathanya le Sagaria le Jehiele le Abedi le Jeremothe le Elia. 27 Mo go boora Sathu e ne e le Eleyoenai le Eliasibe le Mathanya le Jeremothe le Sabate le Asisa. 28 Mo go boora Bebai e ne e le Johanane le Hananya le Sabai le Athelai. 29 Mo go boora Bani e ne e le Mesulame le Maloge le Ataya le Jašube le Seale le Jeremothe. 30 Mo go boora Phahathe-Moabe e ne e le Atena le Kelale le Benaya le Maaseya le Mathanya le Besalele le Binui le Manase. 31 Mo go boora Harime e ne e le Eliesere le Isia le Malekhia le Semaya le Simeone 32 le Benyamene le Maloge le Semaria. 33 Mo go boora Hasume e ne e le Mathenai le Mathatha le Sabate le Elifelete le Jeremai le Manase le Simei. 34 Mo go boora Bani e ne e le Maatai le Amerame le Uele 35 le Benaya le Bedia le Kelohi 36 le Wanya le Meremothe le Eliasibe 37 le Mathanya le Mathenai le Jaasia 38 le Bani le Binui le Simei 39 le Selemia le Nathane le Ataya 40 le Magenatebai le Sasai le Sarai 41 le Asarele le Selemia le Semaria 42 le Sadume le Amaria le Josefa. 43 Mo go boora Nebo e ne e le Jehiele le Mathitya le Sabate le Sebina le Jatai le Joele le Benaya. 44 Botlhe bao ba ne ba tsere basadi ba sele, mme mo basading bao go ne go le bangwe ba ba setseng ba tshotse bana. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa