Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Esekiele 9 - Setswana 1970


Go tshwaiwa basiami ba ba lelelang tshenyego

1 Ke fa a kua ka lentswe le legolo mo ditsebeng tsa me a re: “Lona ba lo dirafatsang kotlo mo motseng, atamelang, mongwe le mongwe a tshotse sebolai se se senyang sa gagwe ka seatla!”

2 Mme ka bona banna ba le barataro ba tla ka tsela e e tswang kwa kgorong e e kwa godimo e e lebileng kwa bokone; mongwe le mongwe a tshotse sebolai sa gagwe se se senyang ka seatla; monna a le mongwe a le mo gare ga bone, a apere lesela, a bofeletse kurwana ya enke ya mokwaledi mo lethekeng la gagwe; ba tla, ba ema fa thoko ga aletare ya kgotlho.

3 Mme kgalalelo ya Modimo wa Iseraele e ne e tlogile mo go boKerubime ba e neng e le mo go bone, e ile kwa serepoding sa Ntlo ya Morena. Jaanong Morena a bitsa monna yole yo o apereng lesela yo o tshotseng kurwana ya enke ya mokwaledi mo lethekeng la gagwe,

4 a mo raya a re: “Ralala motse wa Jerusalema ka mo gare, o bee letshwao mo diphatleng tsa banna ba ba fegelwang, ba ba lelang ka ntlha ya makgapha otlhe a a dirwang mo go ona.”

5 Mme ba bangwe bale ka mo utlwa a ba laela a re: “Mo saleng morago, lo ralale motse, lo reme! A matlho a lona a se ka a rekegela! Se tlhomogeng pelo!

6 Bolayang banna bagolo le makau le makgarebe le bana le basadi, lo ba bolaele ruri. Mme lo se ka lwa atamela ope yo o nang le letshwao. Simololang mo Felong-ga-Boitshepo ga me.” Mme ba simolola ka banna ba bagolo ba ba fa pele ga Ntlo.

7 A ba a ba raya a re: “Itshepololeng Ntlo, lo tlatse malapa ditoto! Fetang lo tswele kwa ntle!” Mme ba bolola, ba bolaya batho mo motseng.

8 Ya re ba ntse ba bolaya jalo, nna ke setse ke le nosi, ka wela fa fatshe ka sefatlhego, ka goa ka re: “Ao, Morena Modimo, a o nyeletsa masalela otlhe a Iseraele ka go goromeletsa bogale jwa gago mo Jerusalema?”

9 Mme a nthaya a re: “Molato wa Baiseraele le wa Bajuta o mogolo thata thata. Lefatshe le tletse melato ya go tsholola madi, motse o tletse tshiamololo. Gonne ba re: ‘Morena o tlogetse lefatshe; Morena ga a re bone.’

10 Jaanong le nna leitlho la me ga le nke le ba utlwela botlhoko; ga nka ke ka tlhomoga pelo. Ke tla ba bolaisa maleo a bone.”

11 Jaanong monna yole yo o apereng lesela, yo o tshotseng kurwana ya enke mo lethekeng la gagwe, a tla a ipega a re: “Ke dirile ka fa o ntaetseng ka teng.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan