Esekiele 7 - Setswana 1970Bokhutlo bo e tla! Bokhutlo bo e tla! 1 Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re: 2 “Wena morwa-motho! Morena Modimo o bua le naga ya Iseraele jaana a re: Bokhutlo bo tlile, e bong bokhutlo jwa dikhutlo tse nne tsa lefatshe. 3 Jaanong bofelo bo a go tlela. Ke tla go romela bogale jwa me, ke go atlhola ka fa tsamaong ya gago, ke go beletsa maila otlhe a gago. 4 Leitlho la me ga le ka ke la go utlwela botlhoko; ga nka ke ka go tlhomogela pelo. Mme ke tla go beletsa ditsela tsa gago. O tla boelwa ke makgapha a gago. Mme lo tla itse gore ke nna Morena.” 5 Morena Modimo o bua jaana a re: “Bonang, ditatlhego di e tla ka go latelana. 6 Bokhutlo bo tlile, bofelo bo e tla; bo go tsogetse, bonang, bo e tla. 7 Phetogo e a go tlela, wena moagi wa lefatshe. Sebaka se e tla, letsatsi le gaufi, e bong la therego, e seng la tuduetso kwa dithabeng. 8 “Jaanong ke tla akofa ke goromeletsa kgalefo ya me mo go wena, ke dirafatsa bogale jwa me mo go wena, ke go atlhola ka fa tsamaong ya gago, ke go bolaisa maila otlhe a gago. 9 Leitlho la me ga le ka ke la rekegela, ga nka ke ka tlhomoga pelo; ke tla go naya tse di tshwanetseng tsamao ya gago. Maila a gago a tla go bolaya, mme lo tla itse gore ke nna Morena yo o lo otlang. 10 “Letsatsi ke leo, bonang, le e tla; phetogo e bolotse, thupa e tswa dithunya, boikgantsho bo a tlhoga. 11 Go dira ka thata go tsogile go nna kotlo ya boikepo. Ga go ka ke ga sala sepe sa bone, le e seng sa bontsi jwa bone le e seng kgalalelo mo go bone. 12 “Sebaka se tlile, letsatsi le atametse. A moreki a se ka a itumela! A morekisi a se ka a hutsafala! Gonne bogale jwa Modimo bo senya dilo tsotlhe tsa teng. 13 Gonne morekisi ga a nke a boela kwa go tse di rekisitsweng, le fa a sa ntse a phela. Gonne polelelopele ka ga dilo tsotlhe tsa lefatshe ga e ka ke ya boela kwa morago. Ga go na ope yo o phelang mo boleong, yo o ka bolokang bophelo jwa gagwe. 14 Ba letsa lonaka le go baakanya tsotlhe, mme ga go na ope yo o yang kwa ntweng. Gonne bogale jwa me bo tuketse dilo tsotlhe tsa teng. Petso ya Baiseraele 15 “Tšhaka e ka kwa ntle. Leroborobo le tlala di ka mo teng. Yo o kwa tshimong o tla swa ka tšhaka; yo o mo motseng tlala le leroborobo di tla mo ja. 16 Ba ba falotseng ba bone ba tla nna kwa dithabeng jaaka maeba a dikgaga, ba lela botlhe, mongwe le mongwe ka ntlha ya boleo jwa gagwe. 17 Mabogo otlhe a tla repa; mangole otlhe a tla nna metsi. 18 Ba tla apara diaparo tsa bohutsana; therego e tla ba khurumetsa. Difatlhego tsotlhe di tla tlhajwa ke ditlhong; ditlhogo tsotlhe tsa bone di tla nna mafatla. 19 Selefera ya bone ba tla e latlhela mo mebileng. Gouta ya bone e tla nna maila mo go bone. Selefera ya bone le gouta ya bone ga di kitla di kgona go ba pholosa ka letsatsi la bogale jwa Morena. Ga ba nke ba itse go didimatsa selelo sa bone ka tsona, le e seng go kgorisa dimpa tsa bone ka tsona. Gonne ke tsona tse di ba leofisitseng. 20 Bone ba ne ba ikgantsha ka bontle jwa mekgabo ya tsona; ba bile ba dira ditshwantsho tsa medimo e e maila le makgapha ka tsona. Ke ka moo ke tla di ba fetolelang se se ba tenang. 21 “Ke tla di neela mo diatleng tsa baeng, gore ba di thope, le mo diatleng tsa baikepi ba lefatshe gore ba di ba thukhuthe, ba di itshekolole. 22 Ke tla faposa sefatlhego sa me mo go bone gore dinokwane di itshekolole lehumo la me, di tsene mo go lone, di le tlhapatse. 23 “Dira keetane! Gonne lefatshe le tletse melato ya go tsholola madi, le motse o tletse tshiamololo. 24 Ke tla tlisa ditšhaba tse di setlhogo go feta tsotlhe; di tla thopa matlo a bone. Ke tla khutlisa boikgodiso jwa beng ba thata. Mafelo a a boitshepo a bone a tla itshekololwa. 25 Pitlagano e e tla; ba batla thuso, mme ga e yo. 26 Kotsi e tla latela kotsi; pegelo e e tshosang e latela pegelo e e tshosang. Ba tla batla pono mo go moporofeti, mme thuto e senyegetse moperesiti, le kgakololo ga e yo mo banneng ba bagolo. 27 Kgosi e tla hutsafala; kgosana e tla apara therego. Diatla tsa batho ba lefatshe di tla repa ka letshogo. Ke tla ba direla ka fa tsamaong ya bone, ke ba atlhola ka fa go tshwanetseng ka teng, mme ba tla itse gore ke nna Morena.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa