Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Esekiele 6 - Setswana 1970


Go hutsiwa mafelo a medimo e sele

1 Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re:

2 “Morwa-motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa dithabeng tsa Iseraele, o di rerele

3 o re: ‘Lona dithaba tsa Iseraele, utlwang Lefoko la Morena Modimo! Morena Modimo o bua jaana le dithaba le dithota le melapo le megorogoro a re: Bonang, ke tla lo tlisetsa tšhaka, ke senya dithota tsa lona tsa tlhabelo.

4 Dialetare tsa lona di tla senngwa, medimo ya majwe a a motloutlo ya letsatsi e tla thubaganngwa. Babolawi ba lona ke tla ba latlhela fa pele ga medimo ya lona ya maila.

5 Ditoto tsa Baiseraele ke tla di latlhela fa pele ga medimo e e maila ya bone; ke gasa marapo a lona mo tikologong ya dialetare tsa lona.

6 Mo gotlhe mo lo agileng teng, metse e tla fetolwa marope, dithota tsa tlhabelo di tla senngwa gore dialetare tsa lona di tlogelwe, di thubaganngwe gore medimo e e maila ya lona e phatlakanngwe, e fedisiwe, le majwe a a motloutlo a letsatsi a digwe le dibopiwa tsa lona di nyelediwe.

7 Ba ba bolailweng ba tla rapalala mo gare ga lona gore lo tle lo itse, fa ke le Morena.

8 “ ‘E tla re lo falalediwa kwa mafatsheng, ke sadise bangwe ba lona ba ba falotseng mo tšhakeng; ba tla nna kwa ditšhabeng.

9 Mme ba ba falotseng ba lona ba tla nkgopola ba le kwa ditšhabeng tse ba isitsweng mo botshwarong kwa go tsona. Ke tla phatlola dipelo tsa bone tse di akafalang le go ikepa mo go nna, le go tlhontsha matlho a bone a a akafalang, a sala medimo ya bone e e maila morago. Foo ba tla inyatsa ka bosi ka ntlha ya masula a maila otlhe a bone a ba a dirileng.

10 Le gona ba tla lemoga gore ke nna Morena; le gore ke ne ke sa tshameke, fa ke re ke tla ba isa mo tatlhegong eo.’ ”

11 Morena Modimo o bua jaana a re: “Ithwale megono, o tibe ka lonao o re: ‘Ijoo!’ Maila a a bosula a Baiseraele a kana kang ne! Ka moo ba tla wa ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo.

12 Yo o kgakala o tla swa ka leroborobo; yo o gaufi o tla wa ka tšhaka; yo o falotseng, a bolokwa, o tla swa ka tlala. Ke tla dirafatsa kgakalo ya me jalo mo go bone.

13 E tla re fa babolawi ba bone ba namaletse mo gare ga medimo e e maila ya bone, mo tikologong ya dialetare tsa bone, mo dithabeng tsotlhe le mo ditlhoeng tsotlhe tsa dithaba, le fa tlase ga ditlhare tsotlhe tse ditala, le fa tlase ga ditlhare tsotlhe tsa metherebinthe tse di lesuthu, mo mafelong kwa ba neng ba fisetsa medimo yotlhe e e maila ya bone matlhare a monko o o monate gona: Foo lo tla itse gore ke nna Morena.

14 Mme ke tla ba otlololela letsogo, ke fetola lefatshe sekaka le marope go tswa kwa sekakeng go ya go fitlha kwa Ribela, mo gotlhe fa ba agileng teng. Ba tla itse jalo, fa ke le Morena.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan