Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Esekiele 44 - Setswana 1970


Tiriso ya kgoro ya botlhabatsatsi

1 A ba a mpusetsa kwa kgorong ya Felo-ga-Boitshepo ya ka fa ntle e e lebileng kwa botlhabatsatsi; ya bo e tswetswe.

2 Ke fa Morena a nthaya a re: “Kgoro e, a e nne fela e tswetswe. A e se ka ya bulwa! Go se ka ga tsena ope ka yona! Gonne Morena, Modimo wa Iseraele, o tsenye ka yona. A e tswalelwe ruri.

3 Fela kgosi, ka e le kgosi, e ka nna mo go yona go ja bogobe fa pele ga Morena; a e tsene teng ka tsela ya leobo la kgoro, e be e tswe gape ka tsela eo ya yona.”


Melao ya matseno a Tempele

4 A ba a ntsenya ka kgoro ya bokone, a nkisa fa pele ga Ntlo. Ka leba, ka bona Ntlo ya Morena e tletse kgalalelo ya Morena; ka ba ka wela fa fatshe ka sefatlhego.

5 Ke fa Morena a nthaya a re: “Morwa-motho, tsotlhe tse ke di buang nao, le ditaolo tsotlhe tsa Ntlo ya Morena le melao yotlhe ya yona, di tlhokomele ka pelo, di bone ka matlho, di utlwe ka ditsebe; tlhokomela matseno a Ntlo le matso otlhe a Felo-ga-Boitshepo.

6 “Raya dirukhutlhi tse e leng Baiseraele ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Makgapha otlhe a lona a ntenne, lona Baiseraele!

7 Kana lo tlisitse baeng ba ba sa rupang pelo le fa e le mmele, ba tsena mo Felong-ga-Boitshepo ga me, ba go itshepolola, e leng Ntlo ya me, jale fa lo tlisitse senkgwe sa me le mafura le madi; lwa senya kgolagano ya me jalo ka maila otlhe a lona.

8 Ga lo a dira tirelo e e boitshepo ya me ka losi, mme lo dirisitse baeng bao gore ba dire tirelo ya me mo Felong-ga-Boitshepo ga me.’

9 “Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: ‘A go se ka ga tsena moeng ope yo o sa rupang pelo le fa e le mmele mo Felong-fa-go-Boitshepo ga me; ke raya baeng botlhe ba ba mo gare ga Baiseraele.


Balefi ga ba a letlelelwa go nna baperesiti

10 “ ‘Mme Balefi ba ba ntlhanogetseng jale fa Baiseraele ba timela, ba ikepa mo go nna, ba latela medimo e e maila ya bone, bone ba tla rwala molato wa bone.

11 Ba tla nna badiredi mo Felong-ga-Boitshepo ga me, e le badisa ba mejako ya Ntlo, e le ba ba direlang Ntlo. Ba tla tlhabela batho ditlhabelo tsa phiso le tse di jewang, ba ba emela go ba direla.

12 E re ka ba ba diretse fa pele ga medimo e e maila ya bone, ba nna sekgopi se se leofisang Baiseraele, ka moo ke ba tsholeleditse letsogo, ka ikana ka re: Ba tla rwala molato wa bone,’ go bua Morena Modimo.

13 ‘Mme ga ba kitla ba atamela kwa go nna go ntirela ka tiro ya boperesiti, le e seng go atamela tsotlhe tse di boitshepo le tse di boitshepotshepo, mme ba tla rwala kgobo ya bone le petso ya maila a bone a ba a dirileng.

14 Ke tla ba dira batlhanka ba tirelo ya ntlo gore ba dire tiro yotlhe ya yona le tsotlhe tse di dirwang teng.


Baperesiti

15 “ ‘Baperesiti ba Balefi ba e leng bomorwa Satoke ba ba tshegeditseng tirelo ya Felo-fa-go-Boitshepo ga me, jale fa Baiseraele ba ntlogela, ba timela, bone a ba atamele kwa go nna go ntirela, ba eme fa pele ga me go ntlisetsa mafura le madi,’ go bua Morena Modimo.

16 ‘Bone a ba tsene mo Felong-fa-go-Boitshepo ga me, bone a ba atamele kwa lobating lwa bojelo lwa me go ntirela, a ba dire tirelo ya me!

17 A e ne e re ba tsena ka dikgoro tsa lelapa la ka fa teng, ba apara diaparo tsa letseta! A go se nne boboa jwa dinku mo go bone, fa ba direla mo teng ga dikgoro tsa lelapa la ka fa teng le mo Ntlong.

18 A ba rwale dirwalo tsa letseta mo tlhogong, ba apare seaparo sa letseta mo mathekeng! A ba se ka ba itlama ka sepe se se ka ba fufutsang.

19 Mme fa ba tswele kwa lapeng la ka fa ntle kwa bathong, a ba apole diaparo tsa bone tse ba direlang ka tsona, ba di bee mo matlwaneng a Felo-ga-Boitshepo, ba apare diaparo tse dingwe gore ba se ka ba itshepisa batho ka diaparo tsa bone.

20 “ ‘A ba se ka ba ipeola ditlhogo, le gona ba se lepeletse meriri e meleele! A ba ipome meriri!

21 A go se nne moperesiti ope yo o nwang weine, fa a tla tsena mo lapeng la ka fa teng!

22 A ba se nyale motlholagadi gongwe yo o tlhadilweng! A ba tsee makgarebe a losika lwa Baiseraele. Fela motlholagadi yo e leng motlholagadi wa moperesiti, ba ka mo nyala.

23 “ ‘A ba rute morafe wa me go farologanya tse di boitshepo le tse di seng boitshepo; a ba ba lemose pharologanyo ya tse di seng phepa le tse di itshekileng.

24 Fa go le kgang, a bone ba eme, ba e seke; a ba e atlhole ka fa melaong ya me! Melao ya me le dithulaganyo tsa me a ba di tshegetse ka meletlo yotlhe ya me; boSabata ba me a ba di itshepise!

25 “ ‘A moperesiti a se tsene kwa moswing gore a se itshekologe! Mme fa go sule rraagwe gongwe mmaagwe gongwe morwawe gongwe morwadie gongwe morwa-rraagwe gongwe kgaitsadie yo o iseng a nyalwe ke monna, foo o letleletswe go ka itshekologa ka go ya kwa go ene.

26 Jaanong fa a sena go itsheka gape, a a ipalele malatsi a supa!

27 Jaanong ka letsatsi le ka lone a tsenang gape mo Felong-fa-go-Boitshepo, mo lapeng la ka fa teng go direla mo Felong-fa-go-Boitshepo, a a tlise setlhabelo sa boleo sa gagwe,’ go bua Morena Modimo.

28 “ ‘Fa e le boswa jo bo ba tshwanetseng: Ke nna boswa jwa bone! A ba se ka ba fiwa leruo mo go Iseraele: Ke nna leruo la bone!

29 Ba tla ja ditshupelo le ditlhabelo tsa boleo le ditlhabelo tsa molato; le gona tsotlhe tse di neetsweng tirelong ya Modimo mo Iseraeleng e tla nna tsa bone.

30 Tse di molemo tsa mabutswapele tsotlhe tsa mefutafuta le tsotlhe tse di kgethelwang Tempele tsa mefutafuta tsa makgetho otlhe a lona, e tla nna tsa baperesiti. Le bupe jwa ntlha jwa lona lo bo nee moperesiti gore tshegofatso e nne mo malapeng a lona.

31 A baperesiti ba se ka ba ja sepe se se suleng gongwe se se gagotsweng ke sebata, le fa e le nonyane gongwe seruiwa.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan