Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Esekiele 42 - Setswana 1970


Matlwana a baperesiti le setsha sotlhe sa Tempele

1 Jaanong a nntshetsa kwa lapeng la ka fa teng ntlheng ya bokone, a nkisa kwa matlwaneng a a bapileng le lebala le le ageletsweng ka lobotana, le a a bapileng le moago ole ka fa bokone.

2 Boleele jwa matlwana ao ntlheng ya bokone e ne e le mabogo a le lekgolo, boatlhamo e le mabogo a le 50.

3 Go lebagana le matlwana a le 20, a a mo lapeng la ka fa teng, le go lebagana le boalo jwa matlapa jo bo mo lapeng la ka fa ntle, diferwana di ne di bapile, di bile di tlhatlaganye di le tharo.

4 Fa pele ga matlwana ao go ne go le tsela ka fa teng; boatlhamo jwa yona e le mabogo a le some; boleele jwa yona e le mabogo a le lekgolo. Mejako ya ona e lebile kwa bokone.

5 Matlwana a a kwa godimo a ne a dirilwe mabotlana, ka diferwana di a tseetse manno; a fetwa ke matlwana a kago a a kwa tlase le a a mo gare ka bogolo.

6 Gonne a ne a tlhatlaganye a le mararo, a se na maotwana a a tshwanang le maotwana a lelapa la ka fa ntle. Ka moo go nathilwe manno a diferwana mo matlwaneng a a mo gare le mo go a a kwa godimo.

7 Le gona go ne go le lobota lo lo bapileng le matlwana ao ka fa ntle ga ona, lo tsamaya lo bapile le molelwane wa lelapa la ka fa ntle. Fa lo lebaganyeng le matlwana ao teng, boleele jwa lone e ne e le mabogo a le 50.

8 Gonne boleele jwa matlwana a a bapileng le lelapa la ka fa ntle e ne e le mabogo a le 50, mme jwa ona a a ka fa Tempeleng e le mabogo a le lekgolo.

9 Go tlhatlogelwa kwa matlwaneng ao ka botseno jo bo mo ntlheng ya botlhabatsatsi, fa motho a tsena mo go ona a tswa kwa lapeng la ka fa ntle

10 fa tshimologong ya lobota lwa lelapa. A ba a nkisa kwa ntlheng ya borwa. Le teng go ne go le matlwana fa go lebaganyeng le lebala le le ageletsweng ka lobotana ka fa, le fa go lebaganyeng le moago ka fa.

11 Go ne go le tsela fa pele ga ona; matlwana a ne a tshwana le a a mo ntlheng ya bokone, a tshwana nao ka boleele le ka boatlhamo le ka matso le ka dithulaganyo. Mejako ya ale le yona

12 e tshwana le mejako ya matlwana ano a a mo ntlheng ya borwa. Go ne go le botseno mo tshimologong ya tsela, e leng tsela e e bapileng le lobota lo lo tshwanang le lola lwa kwa bokone, fa motho a tla ka yona a tsena mo go ona matlwana.

13 Ke fa a nthaya a re: “Matlwana a a mo ntlheng ya bokone le matlwana a a mo ntlheng ya borwa, a a ka fa ntle ga lebala le le ageletsweng ka lobotana, ona ke matlwana a a boitshepo kwa baperesiti ba ba atamelang Morena ba jelang gona, ba ja tse di boitshepotshepo. Ba tla baya tse di boitshepotshepo teng le ditshupelo le ditlhabelo tsa boleo le ditlhabelo tsa molato, gonne ke felo fa go boitshepo.

14 Fa baperesiti ba sena go tsena mo Tempeleng e e Boitshepo, ga ba a tshwanela go tswela kwa lapeng la ka fa ntle. Diaparo tse ba dirileng tirelo ka tsona a ba di apole teng mo matlwaneng, gonne di boitshepo, ba apare diaparo tse dingwe; morago ga moo ba ka tswela kwa ntle kwa bathong.”


Tekano ya setsha sa Tempele

15 Jaanong ya re a sena go fetsa go lekanya Tempele e e mo gare, a nntshetsa kwa ntle ka kgoro e e lebileng kwa botlhabatsatsi, a lekanya tikologo yotlhe ya setsha.

16 A lekanya lotlhakore lwa botlhabatsatsi ka lotlhaka lo lo lekanyang, ya nna mabogo a makgolo a matlhano ka lotlhaka lo lo lekanyang.

17 Jaanong a lekanya lotlhakore lwa bokone, ya nna mabogo a makgolo a matlhano ka lotlhaka lo lo lekanyang. A ba a ya

18 kwa ntlheng ya bophirimatsatsi a lekanya teng, ya nna mabogo a makgolo a matlhano ka lotlhaka lo lo lekanyang.

19 A ba a ya kwa ntlheng ya borwa a lekanya teng, ya nna mabogo a makgolo a matlhano ka lotlhaka lo lo lekanyang.

20 A lekanya ditlhakore tse nne. Lobota lo ne lo le mo tikologong yotlhe, e le lo lo lomologanyang tse di boitshepo le tse e leng tsa batho fela. Boleele jwa lone e le mabogo a makgolo a matlhano, le bophara e le mabogo a makgolo a matlhano.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan