Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Esekiele 3 - Setswana 1970


Modimo o jesa moporofeti lokwalo

1 A nthaya a re: “Morwa-motho, jaa se o se fitlhelang, jaa lokwalo lo, o ye o bue le Baiseraele.”

2 Ka atlhama; a njesa lokwalo loo,

3 a nthaya a re: “Morwa-motho, jaa lokwalo lo ke lo go nayang, o kgorise mpa ya gago.” Ka lo ja, mme lwa nna monate mo ganong la me jaaka dinotshe.

4 A ba a nthaya a re: “Morwa-motho, tloga o ye kwa Baiseraeleng, o bue nabo ka mafoko a me.

5 Gonne ga o rongwe kwa morafeng wa puo e e sa utlwaleng, wa loleme lo lo thata, mme e le kwa Baiseraeleng;

6 e seng kwa merafeng e megolo ya dipuo tse di sa utlwegeng, ya diteme tse di makete, e o ka palelwang ke go utlwa mafoko a yona. Mme fa nka bo ke go roma kwa go yona, e ka bo e go utlwa.

7 Mme Baiseraele ga ba ka ke ba dumela go go utlwa, gonne ba gana go nkutlwa. Gonne Baiseraele botlhe ba tlhogo-di-thata, ba pelo-di-thata.

8 Bona, ke kwatlaladitse sefatlhego sa gago jaaka difatlhego tsa bone; ke thatafaditse tlhogo ya gago jaaka ditlhogo tsa bone.

9 Ke dira tlhogo ya gago popota jaaka taemane e e popota bogolo go lefika. Se ba boife, se tshoge fa pele ga bone! Gonne bone ke losika lwa baitaodi.”

10 A ba a nthaya a re: “Morwa-motho, mafoko otlhe a ke a buang nao, a tsee ka pelo, a utlwe ka ditsebe.

11 O be o ye kwa batshwarwing ba morafe wa ga eno, o bue nabo, o ba ree o re: ‘Morena Modimo o bua jaana,’ le fa ba utlwa gongwe ba gana.”

12 Ke fa Mowa o ntsholetsa, ke utlwa lentswe la loratla lo logolo fa morago ga me le re: “A go bakwe kgalalelo ya Morena e e tlogang mo felong ga yona.”

13 Ka utlwa mosumo wa diphuka tsa diphedi tse di amanang le loratla lwa maotwana natso le tumo ya thoromo e kgolo ya lefatshe.

14 Mowa wa ntsholetsa, wa ntlosa; ka tsamaya ke kgopisegile mo moweng ka botlhoko, ke imelwa ke seatla sa Morena.

15 Ka fitlha kwa batshwarwing kwa Thele-Abibe, ba ba neng ba nna fa nokeng ya Kebare, kwa ba neng ba nna teng, ka nna nabo teng malatsi a supa ke ntse ke palelwa ke go bua.


Hesekiele o bewa go nna modisa
( Hes. 33:1-9 )

16 Mme ya re malatsi a supa a sena go feta, Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re:

17 “Morwa-motho, ke go dirile modisa wa Baiseraele. E ne e re fa o utlwa lefoko le le tswang mo molomong wa me, o ba tlhagise, o romilwe ke nna.

18 Fa ke raya moikepi ke re: ‘O tshwanetse go swa!’ mme o sa mo tlhagise, o sa bue sepe gore o mo tlogedise tsela e e bosula ya gagwe gore a pholosiwe, foo ene moikepi o tla swa ka boleo jwa gagwe, mme madi a gagwe ke tla a lopa mo seatleng sa gago.

19 Fela fa o tlhagisa moikepi, mme a sa sokologe mo boikepong jwa gagwe le e seng go tlogela tsela e e bosula ya gagwe, ene o tla swa ka boleo jwa gagwe, mme wena o pholositse bophelo jwa gago.

20 “Gape fa mosiami a tlogela tshiamo ya gagwe, a dira tshiamololo, mme ke mmeela sekgopi, ene o tla swa. Fela fa o sa mo tlhagisa, ene o tla swa ka boleo jwa gagwe; le tse di siameng tse a kileng a di dira ga di nke di gopolwa, mme madi a gagwe ke tla a lopa mo seatleng sa gago.

21 Fela fa o tlhagisa mosiami gore mosiami a se ka a leofa, mme a sa leofe, ruri o tla phela, gonne o dumetse go tlhagisiwa. Le wena o tla bo o ipholositse.”


Hesekiele o tla palelwa ke go bua

22 Gona koo seatla sa Morena sa ba sa nna mo go nna, a nthaya a re: “Nanoga o tswele kwa lobaleng, ke tla bua nao teng.”

23 Ka nanoga, ka tswela kwa lobaleng, ka fitlhela kgalalelo ya Morena e eme gona e e tshwanang le kgalalelo e ke e bonyeng fa nokeng ya Kebare, ka ba ka wela fa fatshe ka sefatlhego.

24 Ke fa Mowa o tsena mo go nna, o nkemisa ka dinao. Mme Morena a bua le nna, a nthaya a re: “Yaa o itswalele mo ntlong ya gago!

25 Wena morwa-motho, itse gore ba tla go pega dikgole, ba go golega ka tsona gore o se ka wa tswela kwa go bone.

26 Le gona ke tla kgomaretsa loleme lwa gago mo magalapeng a gago gore o nne semumu. Ga o nke o nna mokgalemedi wa bone, gonne ke losika lwa baitaodi.

27 Mme fa ke bua nao, ke tla go bula molomo gore o ba ree o re: ‘Morena Modimo o bua jaana le jaana!’ Yo o utlwang a a utlwe! Yo o ganang a a gane! Gonne ke losika lwa baitaodi.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan