Esekiele 25 - Setswana 1970Kotlo ya Baamone 1 Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re: 2 “Morwa-motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa go Baamone, ò bolele dikotlo tsa bone tse di tla tlang. 3 O ree Baamone ò re: ‘Utlwang Lefoko la Morena Modimo! Morena Modimo o bua jaana o a re: E re ka lo kuile lwa re: Ahee! ka ga Felo-fa-go-Boitshepo ga me fa go itshepololwa, le ka ga lefatshe la Iseraele fa le fetolwa sekaka, le ka ga Bajuta fa ba ya mo botshwarong: 4 Ka moo, bonang, ke tla lo neela ba botlhabatsatsi gore ba lo rue, ba tlhome mathibelelo a bone mo go lona, ba age meago ya bone mo go lona; bone ba tla ja maungo a lona, ba nwa mašwi a lona. 5 Ke tla fetola Raba mafulo a dikammele le metse ya Baamone mabotho a matsomane, gore lo itse, fa ke le Morena.’ ” 6 Gonne Morena Modimo o bua jaana o a re: “E re ka lo opile diatla, lwa tiba ka dinao, lwa tshega lefatshe la Iseraele ka nyatso yotlhe ya dipelo tsa lona: 7 Ka moo, bonang, ke tla lo tsholeletsa letsogo, ke laolela ditšhaba gore di lo thope; ke tla lo tlosa mo merafeng, ke lo nyeletsa mo mafatsheng, ke lo fedisa gore lo itse fa ke le Morena.” Ya Bamoabe 8 Morena Modimo o bua jaana o a re: “E re ka Bamoabe le ba kwa Seire ba bua ba re: ‘Bonang, Bajuta ba tshwana le baheitane botlhe!’ 9 ka moo, bonang, ke tla tlosa metse e e mo mefapheng ya dithaba tsa Bamoabe, metse yotlhe ya bone e lefatshe le kgabileng ka yona, e bong Bethe-Ješimothe le Baale-Meone le Khiriathaime. 10 Lefatshe la Bamoabe ke tla le neela ba botlhabatsatsi mmogo le la Baamone gore ba le rue, mme le lebalwe mo merafeng. 11 Ke tla dirafatsa kotlo mo go Bamoabe gore ba tle ba itse fa ke le Morena.” Ya Baetomo 12 Morena Modimo o bua jaana o a re: “E re ka Baetomo ba dirile tsa go ipusolosetsa mo Bajuteng, ba itsenya mo molatong o mogolo, ba itefetsa mo go bone, 13 ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: ‘Ke tla tsholeletsa lefatshe la Etomo letsogo, ke nyeletsa batho le diruiwa mo go lone, ke le fetola sekaka; ba tla wa ka tšhaka go tswa kwa Themane go ya go fitlha kwa Detane. 14 Ke tla dirafatsa pusoloso ya me mo go Baetomo ka diatla tsa Baiseraele, morafe wa me. Bone ba tla direla Baetomo ka fa bogaleng jwa me le ka fa kgakalong ya me gore ba lemoge pusoloso ya me.’ ” Go bua Morena Modimo. Ya Bafelesita 15 Morena Modimo o bua jaana o a re: “E re ka Bafelesita ba dirile tsa pusoloso, ba itefetsa ka nyatso ya pelo, e le go senya fela ka letlhoo le le sa khutleng, 16 ka moo Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Bonang, ke tla tsholeletsa Bafelesita letsogo, ke nyeletsa Bakerethi, ke fedisa masalela a a fa losing lwa lewatle. 17 Ke tla ba dirafaletsa dipusoloso tse dikgolo ka dikotlo tse di bogale gore ba tle ba itse fa ke le Morena, mogang ke digelang pusoloso ya me mo go bone.’ ” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa