Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Esekiele 21 - Setswana 1970


Tšhaka ya Bakalatea e tla bolaya ba Jerusalema le Baamone

1 Ke fa Lefoko la Morena le tla kwa go nna le re:

2 “Morwa-motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa Jerusalema, o rerele Felo-fa-go-Boitshepo, o bolelele pele ka ga naga ya Iseraele.

3 Raya naga ya Iseraele o re: ‘Morena o bua jaana a re: Bona, ke tla lwa nao, ke somola tšhaka ya me mo kgatleng ya yona, ke nyeletsa basiami le baikepi mo go wena.

4 Jaanong e re ka ke rata go nyeletsa basiami le baikepi mo go wena, tšhaka ya me e tla somoga mo kgatleng ya yona go bolaya batho botlhe go tswa kwa borwa go ya kwa bokone.

5 Batho botlhe ba tla lemoga fa e le nna Morena ke somotseng tšhaka ya me mo kgatleng ya yona; ga e nke e tlhola e somelwa.’

6 “Mme wena morwa-motho, fegelwa! Fegelwa fa pele ga matlho a bone o obegile letheka ka bogalaka.

7 Jaanong morwa motho, fa ba go botsa ba re: ‘Ke ka ntlhaang, fa o fegelwa jalo?’ o ba ree o re: ‘Ke ka ntlha ya kitsiso.’ Fa go dirafala, go tla tlhoboga dipelo tsotlhe, go repa mabogo otlhe, go solofologa mewa yotlhe, go koafala mangole otlhe jaaka metsi. Bonang, go e tla, go a dirafala, go bua Morena Modimo.”

8 Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re:

9 “Morwa-motho, rera o re: ‘Morena o bua jaana a re: “ ‘Tšhaka, tšhaka e looditswe, e bile e gotlhilwe!

10 E looditswe gore e bolae thata; e gotlhilwe gore e phatsime jaaka tladi. Re ka itumela jang? Morwaaka, o nyaditse thupa le kgakololo nngwe le nngwe.

11 A e neela go gotlhiwa le go tshwarwa ka seatla; tšhaka e looditswe, e gotlhilwe gore e neelwe mo seatleng sa mmolai.

12 Goa, o bokolele, wena morwa-motho, gonne e tla bolaya morafe wa me le dikgosana tsotlhe tsa Iseraele; di neetswe mo tšhakeng mmogo le morafe wa me. Ka moo o itshware seledu.

13 Gonne teko e teng. E ka tlhokafala jang, ka o nyaditse thupa?’ ” go botsa Morena Modimo.

14 “Wena morwa-motho, rera o ope diatla: Tšhaka e tla tla gabedi gongwe gararo; ke tšhaka ya baheitane, ke tšhaka ya moheitane yo mogolo e e ba dikanyetsang

15 gore dipelo di tlhoboge, mme babolawi e nne ba bantsi mo dikgorong tsotlhe tsa bone. Ke rometse polao ya tšhaka. Ijoo! E dirilwe jaaka tladi; e looditswe gore e bolae.

16 Wena tšhaka, rema mo ntlheng ya le le jang, ò tlhasele, ò be ò reme mo ntlheng ya la molema, kwa bogale jwa gago bo laetsweng teng.

17 Le nna ke tla opa diatla, ke kgorisa kgalefo ya me. Nna Morena ke bua jalo.”


Tšhaka ya kgosi ya Babele

18 Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re:

19 “Wena morwa-motho, thala ditsela di le pedi tse di tswang mo lefatsheng le le lengwe ka bobedi jwa tsona gore tšhaka ya kgosi ya Babele e tle ka tsona. Le gona tlhoma mosupa-tsela, fa ditsela di kgaoganang teng, o o supang metse kwa di yang teng,

20 gore tšhaka e ye kwa Raba wa Baamone le kwa Juta, kwa Jerusalema yo o femetsweng.

21 Gonne kgosi ya Babele e eme kwa makgaoganong a ditsela, fa ditsela tse pedi di simologang teng go batla lesedi ka boitseanape. E kgotlokgotsa metsu, e botsa ditaola, e laola ka sebete sa setlhabelo.

22 Jaanong e tshwere tengwa ka seatla se se jang e e supileng Jerusalema gore batlhabani ba atlhame go tlhaba mokgosi, ba tlhatlose mantswe go biletsa tlhabanong, ba emise dithula-lobota go tlhasela dikgoro, ba kgobokanyetse mmu fa loboteng, ba age dikago tsa tlhaselo.

23 Mme ba Jerusalema ba ba ikanang maikano, ba tloge ba a senye, ba tla re: ‘Ke tengwa e e maaka.’ Fela Modimo o gopola molato wa bone gore ba tle ba tshwarwe.

24 Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: ‘Lo tla tshwarwa, ka lo gopolwa; lo nkgopotsa molato wa lona ka maleo a lona a a bonalang, mme dibe tsa lona di bonwa mo ditirong tsotlhe tsa lona.

25 “ ‘Wena kgosi ya Iseraele, yo o leng moikepi le mosenyi, letsatsi la gago la petso ya bofelo le tlile.

26 Morena Modimo o bua jaana o a re: Tlosa tlhoro ya borena, rola serwalo sa bogosi. Tseo ga se tsa sepe. A go godisiwe tse di kwa tlase! A go kokobediwe tse di godileng!

27 Motse ke tla o fetola dithotobolo fela. A tatlhego ya ona wee! O tla nna jalo go fitlhelela go tle ene yo o nang le tshwanelo, yo ke tla o mo neelang.’


Tšhaka e bolaya Baamone

28 “Wena morwa-motho, rera o re: ‘Morena Modimo o bua jaana ka ga Baamone le go kgoba ga bone! O re: “ ‘Tšhaka e somotswe, tšhaka e gotlhetswe polao gore e phatsime jaaka tladi.

29 “ ‘Baitseanape ba lo bonela pono ya tsietso, ba lo dupela maaka – e le go e baya mo melaleng ya baikepi ba e leng baheitane; letsatsi la bone la petso ya bofelo le tlile.

30 “ ‘Wena Amone, somela tšhaka mo kgatleng ya yona. Ke tla go atlhola mo felong fa o tlhodilweng teng mo lefatsheng la tlhago ya gago.

31 Ke tla goromeletsa kgalefo ya me mo go wena; ke go budulela molelo wa bogale jwa me; ke go neela mo diatleng tsa banna ba ba setlhogo, ba e leng bagale ba go senya.

32 O tla nna dijo tsa molelo. Madi a gago a tla tshololelwa mo lefatsheng. Ga o kitla o gopolwa, gonne nna Morena ke buile jalo.’ ”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan