Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Esekiele 2 - Setswana 1970


Hesekiele o bilediwa tirong ya boporofeti

1 A nthaya a re: “Morwa-motho, ema ka dinao gore ke bue nao.”

2 Ya re a bua le nna, Mowa wa tsena mo go nna, wa nkemisa ka dinao, ka reetsa yo o buang le nna.

3 A nthaya a re: “Morwa-motho, ke tla go roma kwa Baiseraeleng, kwa baheitaneng ba e leng barukhutlhi ba ba ntsogetseng; bone le borraabo ba ntse ba ikepa mo go nna go fitlhelela kajeno.

4 Bana bao ba difatlhego-di-matepe, ba pelo-di-thatafaditsweng. Ke go roma kwa go bone gore o ba ree o re: ‘Morena Modimo o bua jaana!’

5 Gonne bone ke losika lwa barukhutlhi – fela a ba itse gore moporofeti o teng mo gare ga bone, le fa ba utlwa gongwe ba gana. –

6 “Wena morwa-motho, se ba boife, se tshabe dipuo tsa bone, le fa ba go tlhaba jaaka ditshetlho le mitlwa, le fa o nna mo gare ga diphepheng; se boife mafoko a bone, se tshoge fa pele ga bone, gonne bone ke losika lwa baitaodi.

7 Mme o ba bolelele mafoko a me, le fa ba utlwa gongwe ba gana. Gonne bone ke baitaodi.

8 “Mme wena morwa motho, utlwa se ke se buang nao; se ganetse jaaka losika loo lwa baitaodi. Atlhama he, o je se ke se go nayang!”

9 Ya re ke leba, ka bona seatla se otlololetswe kwa go nna se tshotse lokwalo lo lo phuthilweng.

10 A ba a lo phutholola fa pele ga me, ka fitlhela lo kwadilwe ka fa teng le ka fa ntle, mme go kwadilwe tsa selelo le tsa phegelo le tsa tatlhego mo go lone.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan