Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Esekiele 19 - Setswana 1970


Selelo ka ga dikgosi Joahase le Joyagine le Setekia

1 “Mme wena, tlhaba mokgosi wa selelo ka ga babusi ba Iseraele

2 o re: “ ‘Kana mmaago e ne e le tau e namagadi mo gare ga ditau; a botha mo gare ga ditawana, a godisa bana ba gagwe.

3 A godisa mongwe wa bana ba gagwe, ya nna tawana; ya ithuta go garola se e se tshwereng, ya ja batho.

4 Ke fa ditšhaba di e tlhabela mokgosi go e tsoma; tsa e tshwara ka gopo ya tsona; tsa e isa kwa lefatsheng la Egepeto e golegilwe.

5 Jaanong ya re mmaayo a bona gore o letetse lefela, mme tsholofelo ya gagwe e nyelela, a tsaya yo mongwe wa bana ba gagwe, a mo dira tawana.

6 Ya itsamaela mo gare ga ditau, ya nna tawana; ya ithuta go garola se e se tshwereng, ya ja batho.

7 Ya senya matlo a borena a bone, ya fetola metse ya bone marope; lefatshe le tsotlhe tse di mo go lone tsa rerega ka modumo wa yona.

8 Ke fa ditšhaba tse di mo tikologong di e phuthegela go e tsoma, di tswa mo mafatsheng a tsona, tsa e tsharololela letloa la tsona, ya tshwarwa mo gopong ya tsona.

9 Tsa e tsenya mo serobing ka dikgole, tsa e isa kwa kgosing ya Babele, ya ya mo kgolegelong, gore modumo wa yona o se ka wa tlhola o utlwala mo dithabeng tsa Iseraele.

10 E rile o tsalwa, mmaago a tshwana le moweine o o tlhomilweng fa metsing; wa ungwa, wa tlhoga dikala sentle ka ntlha ya metsi a mantsi.

11 Wa tlhoga kala e e tiileng, e e ka nnang tsamma ya bogosi; ya golela kwa godimo mo gare ga dikala; ya itshupa ka bogolo jwa yona le ka dikalana tsa yona.

12 Mme wa kumolwa kgalefong, wa digelwa fa fatshe; phefo ya botlhabatsatsi ya o swabisa; maungo a ona a phamolwa; kala e e tiileng ya ona ya swaba, ya jewa ke molelo.

13 Mme jaanong o tlhomilwe mo sekakeng, mo nageng e e lokgere ya lenyora.

14 Molelo wa tswa mo kaleng ya ona, wa ja dikalana tsa ona le maungo a ona; wa bo o se na kala e e tiileng go ka nna tsamma ya bogosi.’ ” Ke mokgosi wa selelo, wa ba wa nna sefela sa selelo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan