Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Esekiele 15 - Setswana 1970


Ba Jerusalema ba tshwana le logong lwa moweine lo lo sa solegeng molemo

1 Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re:

2 “Morwa-motho, logong lwa moweine lo phala dikgong tsotlhe ka eng? Ke raya kalana ya moweine e e itharileng mo ditlhareng tsa sekgwa.

3 A go ka tsewa logong lwa ona go dira tiro ka lone? Gongwe a ba ka betla lomapo ka ona go pega dilo mo go lone?

4 Kana lo latlhelwa mo molelong go jewa ke ona. Fa molelo o jele dintlha tsa lone tse pedi, mme bogare jwa lone bo setse e le motswaiso fela, a lo ka solega molemo mo tirong nngwe?

5 Kana fa lo itekanetse, ga lo na molemo mo tirong epe. Jaanong fa molelo o lo jele, mme lo šwele, gona lo ka thusa eng? Ga lo ka ke lwa dirisiwa mo tirong epe.”

6 Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana a re. “Ke tla dirafaletsa baagi ba Jerusalema se se dirafalelang logong lwa moweine o o itharileng mo ditlhareng tsa sekgwa, lo ke lo latlhelang mo molelong go jewa ke ona.

7 Ke tla ba leba ka bogale, ke lwa nabo. Le fa ba dule mo molelong, molelo o tla ba nyeletsa. Lona lo tla itse gore ke nna Morena, mogang ke ba lebang ka bogale go ba otla.

8 Ke tla fetola lefatshe la bone sekaka, gonne ba sentse boikanyo.” Go bua Morena Modimo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan