Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Esekiele 11 - Setswana 1970


Bagogi ba ba mo Jerusalema ba a kgalemelwa, batshwarwi ba a gomodiwa

1 Jaanong Mowa wa ntsholetsa, wa nkisa kwa kgorong ya Ntlo ya Morena ya botlhabatsatsi e e lebileng kwa botlhabatsatsi, mme ka fitlhela banna ba le 25 fa mojakong wa kgoro; ka bona Jaasanya, morwa Asure, le Phelatya, morwa Benaya, dikgosana tsa morafe, ba le mo go bone.

2 Ke fa Morena a nthaya a re: “Morwa-motho, banna bao ba akanya bokgopo, ba tsenya kgakololo e e bosula mo motseng o

3 ba re: ‘Tshenyego ya motse e kgakala. Agang matlo. Motse ke pitsa, mme rona re nama.’

4 Ka moo, ba rerele Lefoko la Modimo le le ba bôpelang petso, o ba bolelele Lefoko la Modimo, wena morwa-motho.”

5 Ke fa Mowa wa Morena o wela mo go nna, o nthaya o re: “E re: Morena o bua jaana a re: ‘Lona Baiseraele lo buile jalo. Megopolo ya dipelo tsa lona ke a e itse.

6 Lo bolaile ba bantsi mo motseng o, lwa tlatsa mebila ya ona ditoto.’

7 “Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana a re: ‘Ba ba bolailweng ke lona, ba lo ba namaladitseng mo go ona, bone ke dinama, ona ke pitsa, mme lona, ke tla lo ntsha mo go ona.

8 Tšhaka e lo e boifang ke yona e ke tla e lo tlisetsang, go bua Morena Modimo.

9 Ke tla lo ntsha mo go ona, ke lo neela mo diatleng tsa baeng, ke lo otla ka kotlo e kgolo.

10 Lo tla wa ka tšhaka; ke tla lo atlhola fa molelwaneng wa Iseraele gore lo itse fa ke le Morena.

11 Motse o ga e ka ke ya nna pitsa ya lona; lona ga lo ka ke lwa nna nama e e mo go yona. Ke tla lo atlhola fa molelwaneng wa Iseraele.

12 Lo tla itse gore ke nna Morena yo lo sa sepelang ka fa melaong ya me, yo ditshiamo tsa me lo sa di dirafatsang, mme lo dirile ka fa mekgweng ya baheitane ba ba mo tikologong ya lona.’ ”

13 Ya re ke rera jalo, ga swa Phelatya, morwa Benaya. Ka ba ka wela fa fatshe ka sefatlhego, ka goa ka lentswe le legolo ka re: “Ao! Morena Modimo, a o fedisa masalela a Iseraele?”

14 Ke fa Lefoko la Morena le tla kwa go nna le re:

15 “Morwa-motho, ke tla phedisa bomorwa-rraago, e leng batshwarwi ka wena le Baiseraele botlhe, botlhe mmogo, bao baagi ba Jerusalema ba buileng ka ga bone ba re: ‘Ba kgakala le lefatshe la Morena; ke rona re le neetsweng go nna boswa.’

16 “Ka moo o re: ‘Morena Modimo o bua jaana a re: Tota ke ba katoseditse kwa kgakala kwa baheitaneng, ka ba falaletsa kwa mafatsheng, ka nna felo ga boitshepo ga bone go le gonnye fela mo mafatsheng a ba tsenyeng mo go ona.’

17 “Ka moo o re: ‘Morena Modimo o bua jaana a re: Mme ke tla ba kgobokanya gape, ke ba ntsha mo merafeng, ke ba phutha, ba boa mo mafatsheng a ke ba falaleditseng kwa go ona. Ke tla ba naya lefatshe la Iseraele.

18 Ba tla boela teng. Maila otlhe a teng le makgapha otlhe a teng ba tla a tlosa mo go lone.

19 Ke tla ba naya dipelo di sele, ke tsenya mowa o mošwa mo teng ga bone. Dipelo tse di matlapa ke tla di tlosa mo mebeleng ya bone, ke ba naya pelo tsa nama

20 gore ba sepele ka fa melaong ya me, ba boloke tshiamo ya me, ba e dirafatse. Foo ba tla nna morafe wa me; mme nna ke tla nna Modimo wa bone.

21 Mme bone bao ba Jerusalema ba dipelo tsa bone di latelang maila a bone le makgapha a bone, ke tla ba bolaisa maleo a bone,’ go bua Morena Modimo.”


Kgalalelo ya Modimo e tlogela Jerusalema

22 Ke fa boKerubime ba phutholola diphuka, le maotwana a dikologa nabo, kgalalelo ya Modimo wa Iseraele e ntse e ba okame.

23 Jaanong kgalalelo ya Morena ya tlhatloga, ya tswa mo motseng, ya ya go ema mo thabeng e e mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya motse.

24 Mme Mowa wa ntsholetsa, wa mpusetsa kwa Kalatea kwa batshwarwing, ke le mo ponong ya Modimo ka Mowa wa ona. Mme pono e ke e bonyeng ya tlhatloga, ya ntlogela.

25 Ka bolelela batshwarwi dilo tsotlhe tse Morena a di mpontshitseng.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan