Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Esekiele 10 - Setswana 1970


Kgalalelo ya Modimo e e mo godimo ga boKerubime

1 Ka leba, ka bona mo loaping lo lo okameng ditlhogo tsa boKerubime go le se se tshwanang le lentswe le letala la safire; sengwe se e keteng ke sedulo sa bogosi se bonala godimo ga bone.

2 Morena a raya monna yole yo o apereng lesela a re: “Tsena mo gare ga maotwana fa tlase ga boKerubime, o tabole magala a a tukang mo gare ga boKerubime ka diatla tsoo pedi, o a gasetse mo motseng.” Mme ka mmona a tsena.

3 Jaanong ya re monna yole a tsena, boKerubime ba bo ba eme mo ntlheng ya le le jang ya Ntlo; leru la bo le tletse mo lapeng la ka fa teng.

4 Kgalalelo ya Morena ya tloga mo go boKerubime, ya ya kwa serepoding sa Ntlo. Ntlo ya ba ya tlala musi, lelapa lone la tlala phatsimo ya kgalalelo ya Morena.

5 Mosumo wa diphuka tsa boKerubime wa utlwala go fitlha kwa lapeng la ka fa ntle jaaka lentswe la Modimo, Mothatayotlhe, fa o bua.

6 Jaanong ya re o sena go laela monna yole yo o apereng lesela wa re: “Tsaya molelo mo gare ga maotwana, mo gare ga boKerubime!” a tsena, a ema fa thoko ga leotwana.

7 Ke fa Kerubime mongwe a ntsha letsogo, a le tsenya mo gare ga boKerubime, a le isa kwa molelong o o mo gare ga boKerubime, a tsaya magala, a a neela mo diatleng tsoo pedi tsa yo o apereng lesela; ene a a amogela, a tswa.

8 Mo go boKerubime seatla se e keteng sa motho se ne se bonala, se tswa ka fa tlase ga diphuka tsa bone.

9 Ya re ke leba, ka fitlhela maotwana a le mane a le fa thoko ga boKerubime; leotwana lengwe le lengwe le bapile le Kerubime wa lone. Ponalo ya maotwana e ne e tshwana le go tsabakela ga taemane e tala.

10 A ne a bopegile ka go tshwana ka bone jwa ona; e kete leotwana le ne le le mo teng ga leotwana le lengwe.

11 E ne e ya re fa a tsamaya, a itse go ya kwa ntlheng tse nne tsa ona; a se ke a retologe, fa a tsamaya. Gonne kwa leotwana la ntlha le lebileng teng, a mangwe a le sale morago; a ne a sa sokologe, fa a tsamaya.

12 Mebele yotlhe ya bone le metlhana ya bone le mabogo a bone le diphuka tsa bone le maotwana di ne di tletse matlho mo ntlheng tse nne tsa teng.

13 Ka utlwa maotwana a bidiwa sefefo.

14 Sephedi sengwe le sengwe se ne se na le difatlhego di le nne; sefatlhego sa ntlha e le sa Kerubime, sa bobedi e le sa motho, sa boraro e le sa tau, sa bone e le sa ntsu.

15 Ke fa boKerubime ba tlhatloga. Ke tsona diphedi tse nkileng ka di bona kwa nokeng ya Kebare.

16 E a re fa boKerubime ba tsamaya, maotwana le one a tsamae a bapile nabo; fa boKerubime ba tsharolola diphuka tsa bone go tlhatloga mo lefatsheng, maotwana ona a se ke a tloge fa thoko ga bone.

17 E re fa ba ema, le ona a eme; fa ba tlhatloga, le ona a tlhatloge nabo. Gonne mowa wa diphedi o ne o le mo go ona.

18 Kgalalelo ya Morena ya tlogela serepodi sa Ntlo, ya ya go okama boKerubime.

19 Ke fa boKerubime ba tsholetsa diphuka, ba tlhatloga mo lefatsheng, ke ntse ke lebile; ya re ba tloga, maotwana a ya nabo. Ba ya ba ema kwa mojakong wa kgoro ya Ntlo ya Morena e e lebileng kwa botlhabatsatsi, kgalalelo ya Modimo wa Iseraele e ntse e ba okame.

20 Ke tsona diphedi tse nkileng ka di bona fa tlase ga Modimo wa Iseraele kwa nokeng ya Kebare; ka lemoga gore ke boKerubime.

21 Mongwe le mongwe o ne a na le difatlhego tse nne, e bile a na le diphuka tse nne; diatla tse e keteng ke tsa motho di ne di le ka fa tlase ga diphuka tsa bone.

22 Difatlhego tsa bone di ne di tshwana tota le difatlhego tse nkileng ka di bona kwa nokeng ya Kebare. Fa e le ponalo ya bone le maikaelelo a bone, mongwe le mongwe a tlhamalalela kwa a lebileng teng.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan