Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ekesodo 9 - Setswana 1970


Petso ya botlhano: Leroborobo mo dikgomong

1 Ke fa Morena a raya Moše a re: “Yaa kwa go Farao, o mo ree o re: ‘Morena Modimo wa Bahebere o bua jaana a re: Lesa morafe wa me, o ye go ntirela!

2 Gonne fa o sa ntse o gana go ba naya tsela, o ba thibela,

3 foo letsogo la Morena le tla itaya diruiwa tsa gago tse di mo nageng, e bong dipitse le diesele le dikammele le dikgomo le dinku ka leroborobo le le setlhogo.

4 Mme Morena o tla farologanya diruiwa tsa Baiseraele le tsa Baegepeto: Ga go kitla go swa sepe sa dilo tsa Baiseraele.

5 Le gona Morena o beile sebaka sa teng a re: Selo se Morena o tla se dira kamoso mo lefatsheng.’ ”

6 Morena a dirafatsa lefoko leo ka letsatsi la kamoso: Ga swa diruiwa tsotlhe tsa Baegepeto, mme ga se ka ga swa sepe sa diruiwa tsa Baiseraele.

7 Ke fa Farao a romela go ya go tlhola, a fitlhela go sa swa sepe sa diruiwa tsa Baiseraele, mme pelo ya ga Farao ya nna e ntse e thatafetse, a se ka a rebola morafe go tsamaya.


Petso ya borataro: Diso

8 Jaanong Morena a raya Moše le Arone a re: “Tsayang mosidi mo leisong ka diatla tse pedi, mme a Moše a o gasetse kwa legodimong fa pele ga Farao.

9 Mosidi oo o tla fetoga lerole le le boleta godimo ga lefatshe lotlhe la Egepeto; go tla tswa diso tse di rurugang, di direge ditlhagala tse di phunyegang mo bathong le mo diruiweng mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.”

10 Ba tsaya mosidi wa leiso, ba ema fa pele ga Farao, mme Moše a o gasetsa kwa godimo; ga tswa diso tse di rurugang, tsa direga ditlhagala tse di phunyegang mo bathong le mo diruiweng.

11 Mme dingaka tsa palelwa ke go ema fa pele ga Moše ka ntlha ya ditlhagala; gonne dingaka di ne di dulwe ke ditlhagala le Baegepeto botlhe.

12 Mme Morena a thatafatsa pelo ya ga Farao gore a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boleletse Moše.


Petso ya bosupa: Sefako

13 Morena a ba a raya Moše a re: “Phakela kamoso, o eme fa pele ga Farao, o mo ree o re: ‘Morena Modimo wa Bahebere o bua jaana a re: Lesa morafe wa me, o ye go ntirela!

14 Gonne ka nako e ke tla romela dipetso tsotlhe tsa me kwa teng ga pelo ya gago le kwa batlhankeng ba gago le kwa morafeng wa gago gore o tle o itse fa go se na ope yo o tshwanang le nna mo lefatsheng lotlhe.

15 Gonne nka bo ke ntshitse letsogo, ka go bolaya le morafe wa gago ka leroborobo, mo o ka bong o fedisitswe mo lefatsheng.

16 Mme se ke go boloketseng bophelo ka ntlha ya sona ke go re, ke go bontshe thata ya me gore ba tumise leina la me mo lefatsheng lotlhe.

17 O sa ntse o thibela morafe wa me, o sa o lese go tsamaya.

18 Bona, kamoso go le kana ke tla nesa sefako se se boitshegang thata, se go iseng go ke go ne se se tshwanang naso mo Egepeto go tloga tshimologong ya Egepeto go fitlhelela kajeno.

19 Jaanong he, roma o femele diruiwa tsa gago le tsotlhe tse e leng tsa gago tse di kwa nageng; gonne batho botlhe le diruiwa tse di fitlhelwang kwa nageng, di sa tshabela kwa matlong, di tla bolawa ke sefako, di swa.’ ”

20 Jaanong yo o neng a boifa lefoko la Morena mo batlhankeng ba ga Farao, a tshabisetsa ba lapa la gagwe le diruiwa tsa gagwe mo matlong.

21 Mme yo o neng a sa ele lefoko la Morena tlhoko ka pelo, a lesa ba gagwe le diruiwa tsa gagwe kwa nageng.

22 Jaanong Morena a raya Moše a re: “Tsholeletsa letsogo kwa godimo gore go ne sefako mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, se rothothe batho le diruiwa le dijwalo tsotlhe tsa masimo mo lefatsheng la Egepeto.”

23 Moše a tsholeletsa thobane ya gagwe kwa godimo; mme Morena a dumisa maru, a nesa sefako le ditladi tsa ratha lefatshe. Morena a nesa sefako jalo mo lefatsheng la Egepeto.

24 Sefako sa na, magadima a ntse a gadima mo gare ga sefako mo go boitshegang thata; e le sefako se se iseng se ke se ne se le kalo mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, fa e sa le setšhaba se simolola go nna mo go lone.

25 Mo lefatsheng lotlhe la Egepeto sefako sa bolaya dilo tsotlhe tse di neng di le kwa nageng, batho le diruiwa. Le gona sefako sa senya dijwalo tsotlhe tsa masimo, sa roba ditlhare tsotlhe tsa naga.

26 Fela mo nageng ya Gosene fa Baiseraele ba neng ba nna teng sefako sa se ka sa na.

27 Ke fa Farao a roma, a bitsa Moše le Arone, a ba raya a re: “Jaanong ke leofile. Morena o siame, mme nna le morafe wa me ga re a siama.

28 Nthapeleleng Morena. Ditumo tsa maru tsa Modimo le sefako le magadima di feta tekanyo. Ke tla lo lesa gore lo tsamae; ga nke ke tlhola ke lo dia.”

29 Moše a mo raya a re: “E tla re ke sena go tswa mo motseng, ke tsholeletse mabogo kwa Moreneng; ditumo tsa maru di tla khutla, sefako se kgaotsa gore o tle o itse fa lefatshe e le la Morena.

30 Mme ke itse gore wena le batlhanka ba gago ga lo ise lo boife Morena Modimo.”

31 Letseta le garase tsa bo di sentswe; gonne garase e ne e tsetse le letseta le ne le thunya.

32 Mme mabele le lebelebele tsa se ka tsa senngwa, ka e le dijwalo tsa morago.

33 Jaanong ya re Moše a sena go tlogela Farao le go tswa mo motseng, a tsholeletsa mabogo kwa Moreneng, a rapela; mme ditumo tsa maru le sefako tsa khutla, pula e sa tlhole e tshologela mo lefatsheng.

34 Mme ya re Farao a bona gore pula le sefako le ditumo tsa maru di khutlile, a leofela pele, a thatafatsa pelo ya gagwe, ene le batlhanka ba gagwe.

35 Pelo ya ga Farao ya thatafala jalo, mme a se ka a lesa Baiseraele gore ba tsamae, jaaka Morena a ne a boleletse pele ka Moše.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan