Ekesodo 8 - Setswana 1970Petso ya bobedi: Digwagwa 1 Ke fa Morena a raya Moše a re: “Yaa kwa go Farao, o mo ree o re: ‘Morena o bua jaana a re: Lesa morafe wa me, o ye go ntirela! 2 Mme fa o gana go ba lesa, ke tla watlhaya naga yotlhe ya gago ka digwagwa. 3 Noka e tla nyeula digwagwa, di tla tlhatloga, di tsena mo ntlong ya gago le mo ntlwaneng ya borobalo ya gago le mo bolaong jwa gago le mo matlong a batlhanka le a morafe wa gago le mo dipesetsong tsa gago le mo megopong ya gago ya bodubelo. 4 Digwagwa di tla tlolela mo go wena le mo bathong ba gago le mo batlhankeng ba gago.’ ” 5 Jaanong Morena a raya Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Otlolola letsogo o tshwere thobane ya gago godimo ga dinoka le dinokana le matsha, o tlhatlosetse digwagwa mo lefatsheng la Egepeto.’ ” 6 Arone a otlolola letsogo godimo ga metsi a Egepeto; mme digwagwa tsa tlhatloga, tsa farafara lefatshe la Egepeto. 7 Mme dingaka le tsona tsa dira jalo ka mereo ya tsona, tsa tlhatlosetsa digwagwa mo lefatsheng la Egepeto. 8 Ke fa Farao a bitsa Moše le Arone a re: “Nthapeleleng Morena gore a tlose digwagwa mo go nna le mo morafeng wa me. Foo ke tla naya morafe tsela gore o ye go direla Morena ditlhabelo.” 9 Moše a fetola Farao o re: “A tlotlo e nne ya gago! A ko o mpolelele nako ya go rapelela wena le batlhanka ba gago le morafe wa gago gore digwagwa di nyelediwe leng, di tlosiwe leng mo go wena le mo malapeng a gago, di nne mo nokeng fela?” 10 Farao a re: “A e nne kamoso!” Moše a re: “Go tla dirafala ka fa o buileng ka teng gore o tle o itse, fa go se na ope yo o tshwanang le Morena, Modimo wa rona. 11 Digwagwa di tla tlosiwa jalo mo go wena le mo malapeng a gago le mo batlhankeng ba gago le mo morafeng wa gago, di nna mo nokeng fela.” 12 Ya re Moše le Arone ba sena go tlogela Farao, Moše a goela kwa Moreneng ka ntlha ya digwagwa tse a di rometseng Farao. 13 Morena a dira ka fa thapelong ya ga Moše: Digwagwa tsa swela mo matlong le mo malapeng le kwa masimo. 14 Ba di kgobokanya, ya nna mekoakoa, mme lefatshe la nkga sebodu. 15 Ya re Farao o bona fa a imologile, a boela a thatafatsa pelo ya gagwe gape, a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boleletse pele. Petso ya boraro: Menang 16 Jaanong Morena a bua le Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Tsholetsa thobane ya gago, o itee lerole la lefatshe gore le fetoge menang mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.’ ” 17 Ba dira jalo; Arone a tsholetsa letsogo a tshwere thobane ya gagwe, a itaya lerole la lefatshe. Ke fa menang e tlela batho le diruiwa. Lerole lotlhe la lefatshe la fetoga menang mo lefatsheng lotlhe la Egepeto. 18 Dingaka le tsona tsa leka jalo ka mereo ya tsona gore di dire menang, mme tsa palelwa. Menang ya tlala mo bathong le mo diruiweng. 19 Ke fa dingaka di raya Farao di re: “Ke tiro ya Modimo.” Mme pelo ya ga Farao ya nna e thatafetse, a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boleletse pele. Petso ya bóne: Diboba 20 Ke fa Morena a raya Moše a re: “Phakela ka masa, o eme fa pele ga Farao – bona, o tla ya kwa nokeng – o mo ree o re: ‘Morena o sa ntse a bua jalo a re: Lesa morafe wa me, o ye go ntirela! 21 Gonne fa o sa lese morafe wa me go tsamaya, ke tla romela diboba gore di go tlhasele le batlhanka ba gago le morafe wa gago le matlo a gago. Matlo a Baegepeto a tla tlala diboba le mmu o a emeng mo go ona. 22 Mme ka letsatsi leo ke tla tlhaola lefatshe la Gosene le morafe wa me o agileng mo go lone gore go se ka ga nna diboba teng; ke gona o tla itseng gore ke nna Morena mo lefatsheng lotlhe. 23 Ke tla baya molelwane wa phemelo fa gare ga morafe wa me le morafe wa gago. Sesupo seo se tla dirafala kamoso.’ ” 24 Morena a dira jalo. Diboba tsa tla ka bontsi mo ntlong ya ga Farao le mo matlong a batlhanka ba gagwe le mo lefatsheng lotlhe la Egepeto. Lefatshe la tlhokofadiwa ke diboba. 25 Ke fa Farao a bitsa Moše le Arone a re: “Yaang lo direle Modimo wa lona ditlhabelo mo lefatsheng le.” 26 Moše a fetola a re: “Ga go a siama go dira jalo. Gonne re tlhabela Morena Modimo wa rona tse e leng maila mo go Baegepeto. Jaanong fa re dira ditlhabelo tse e leng maila mo go Baegepeto mo matlhong a bone, a ga ba kitla ba re kgobotletsa ka majwe? 27 Re lese re ye kwa sekakeng leeto la malatsi a mararo, re direle Morena Modimo wa rona ditlhabelo, jaaka Morena a re laetse.” 28 Farao a re: “Ke tla lo naya tsela gore lo direle Morena Modimo wa lona ditlhabelo mo sekakeng. Fela lo se ka lwa ya kgakala thata. Le gona lo nthapelele.” 29 Moše a re: “E tla re ke sena go go tlogela, ke rapele Morena gore diboba di tloge mo go Farao le mo batlhankeng ba gagwe le mo morafeng wa gagwe kamoso. Fela Farao a se ka a boelela tsa go fora, a gana go lesa morafe go ya go direla Morena ditlhabelo.” 30 Jaanong ya re Moše a sena go tlogela Farao, a rapela Morena. 31 Mme Morena a dira ka fa thapelong ya ga Moše, a tlosa diboba mo go Farao le mo batlhankeng ba gagwe le mo morafeng wa gagwe, ga se ka ga sala seboba sepe. 32 Mme le ka sebaka seo Farao a thatafatsa pelo ya gagwe gape, a se ka a naya morafe tsela. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa