Ekesodo 4 - Setswana 1970Moše o fiwa thata go ka dira metlholo 1 Moše a fetola a re: “Fa ba sa ntumele, ba sa utlwe lentswe la me, ba re: ‘Morena ga a ka a iponatsa mo go wena, ke tla dirang’?” 2 Morena a mo raya a re: “Ke eng se o se tshotseng ka letsogo?” A re: “Ke thobane.” 3 Morena a re: “E latlhele fa fatshe!” A e latlhela fa fatshe, ya fetoga noga. Moše a ba a tshaba. 4 Morena a raya Moše a re: “Ntsha letsogo o e tshware ka mogatla.” A ntsha letsogo, a e tshwara, mme ya boa ya nna thobane gape mo letsogong la gagwe. 5 “O dire jalo gore ba tle ba dumele, fa Morena Modimo wa borraabo, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe, o iponaditse mo go wena.” 6 Morena a ba a mo raya a re: “A ko o tsenye seatla mo sehubeng sa gago.” A tsenya seatla mo sehubeng sa gagwe. Ya re a se ntsha, a fitlhela seatla sa gagwe se tletse lepero se le sesweu jaaka semathana. 7 A laola a re: “Tsenya seatla gape mo kobong ya gago.” A se busetsa mo kobong ya gagwe. Ya re a se ntsha, a fitlhela se tshwana gape le nama ya gagwe. 8 “Mme fa ba sa go dumele, ba sa utlwe thuto ya sesupo sa ntlha, ba tla dumela thuto ya sesupo sa bobedi. 9 Mme fa ba sa dumele ditshupo tsoo pedi, ba sa utlwe lentswe la gago, o ge metsi mo nokeng ya Nile, o a tshololele fa go omileng. Foo metsi a o a gileng mo nokeng a tla fetoga madi teng foo.” 10 Mme Moše a raya Morena a re: “Ao! Morena, ga ke itse go bua sentle, fa e sa le ke tsalwa go fitlhelela kajeno, o ntse o bua le motlhanka wa gago. Gonne ke molomo o bonya, ke loleme lo bonya.” 11 Ke fa Morena a mmotsa a re: “Ke mang yo o fileng motho molomo, ke mang yo o dirang motho semumu gongwe sesusu gongwe mmoni gongwe sefofu? A ga se nna Morena? 12 Tsamaya he o ye, nna ke tla nna le molomo wa gago, ke go ruta tse o tla di buang.” 13 Mme Moše a re: “Ao! Morena, roma o sele yo o ka kgonang, e seng nna.” 14 Ke fa Morena a tukela Moše bogale a re: “A ga ke re, Arone mogoloo wa Molefi o teng? Ke itse gore ene o itse go bua sentle. E bile o e tla, o tsile go go kgatlhantsha, mme e tla re a go bona, a itumele ka pelo yotlhe. 15 Bua nae, o tsenye mafoko mo molomong wa gagwe, mme ke tla nna le molomo wa gago le molomo wa gagwe, ke lo ruta tse lo tla di dirang. 16 Ene o tla nna mmueledi wa gago mo bathong, ene e le molomo wa gago, mme wena o le modimo wa gagwe. 17 Mme thobane eo e o tla dirang ditshupo ka yona, o e tshole ka letsogo.” Moše o boela kwa Egepeto 18 Moše a tsamaya, a boela kwa go Jetoro mogwagwadiagwe, a mo raya a re: “A ko o ntetlelele gore ke boele kwa go ba ga etsho ba ba nnang kwa Egepeto, ke ye go bona gore a ba sa ntse ba phela.” Jetoro a raya Moše a re: “Yaa ka kagiso!” 19 Morena a raya Moše a sa le kwa Midiane a re: “Boela kwa Egepeto, gonne banna botlhe ba ba neng ba rata go go bolaya ba sule.” 20 Ke fa Moše a tsaya mosadi wa gagwe le bomorwawe, a ba palamisa diesele, a boela kwa lefatsheng la Egepeto. Moše a bo a tshotse thobane ya Modimo ka letsogo. 21 Morena a laela Moše jaana a re: “E re ka o le mo tseleng go boela kwa Egepeto, o tlhokomele gore o dire dikgakgamatso fa pele ga Farao tse ke di tsentseng mo diatleng tsa gago. Fela nna ke tla thatafatsa pelo ya gagwe, mo a se neng a leseletsa morafe go ka huduga. 22 “O be o ree Farao o re: ‘Morena o bua jaana a re: Iseraele ke ene morwaake wa ntlha. 23 Mme ke go laola ke re: Naya morwaake tsela gore a ye go ntirela, mme fa o ka gana go mo lesa a tsamae, ke tla bolaya morwao wa ntlha.’ ” 24 Jaanong ya re Moše a le mo tseleng fa go lalwang teng, Morena a mo tlhasela, a re o a mmolaya. 25 Ke fa Siphora a tsaya thipa ya letlapa, a rupisa morwawe, a se latlhela fa dinaong tsa ga Moše a re: “Kana o mogatsaake wa madi!” 26 Ya ba gona Morena a mo lesang. Foo mosadi a re: “Mogatsaake wa madi!” A raya thupiso. 27 Mme Morena o ne a laetse Arone a re: “Yaa o kgatlhantshe Moše kwa sekakeng.” A ya a kgatlhana nae kwa thabeng ya Modimo, a mo atla. 28 Ke fa Moše a begela Arone mafoko otlhe a Morena o mo romileng ka ona le ditshupo tsotlhe tse o di mo laoletseng. 29 Moše le Arone ba ya ba phutha bagolo botlhe ba Baiseraele. 30 Arone a bolela mafoko otlhe a Morena o neng a a buile le Moše, mme Moše a dira ditshupo tsele fa pele ga matlho a morafe. 31 Morafe wa dumela. Ya re ba sena go utlwa gore Morena o etse Baiseraele tlhoko, o bonye pogisego ya bone, ba inama, ba obamela Modimo. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa